Ditoro ka ga mabowa

Fa o ka lora ka mabowa, ke masego go di kga fela madimabe fa o ka di ja segolobogolo fa o ka lwala fa torong ya gago.

Ditoro ka ga dinaledi

Fa o lora ka dinaledi, o tlile go nna le lerato le lentsi botshelong jwa gago, mme wa bona dikgang tse di monate go tswa felo gongwe kwa o neng o sa di solofela go tswa teng.

Ditoro ka ga paraka

Fa o ka lora ka paraka kgotsa phaka, ke masego go isagweng ya gago. Go raya gore o tlile go nna le boitumelo, katlego le dikamano tse di siameng le mokapelo wa gago le ditsala.

Ditoro ka ga diporeima

Fa o lora ka diporeima, bokao bo ikaega fa go reng di monate (tshukitshana) kgotsa botlha. Diporeima tse di monate (tshukitshana) di kaya gore o tlile go nna letlhogonolo, fela tse di botlha di kaya fa o tlile go lwa le mongwe.

Ditoro ka ga go iphisa

Fa o lora o tšhele kgotsa o fisitswe ke molelo, go raya gore go tlile go nna le ngwana yo montšha fa lapeng la gago go ise go ye kae.