Ditoro ka ga noga e ntsho

Fa o ka lora ka ga noga e e ntsho go ka raya gore o tlo nna le madimabe mo botshelong ba gago, le gore o nale manaba a batlang go ntsha kotsi mo botshelong ba gago.

Ditoro ka ga letsatsi

Fa o lora gore letsatsi le phatsima go phatsima, gone go raya gore o tlile go ithuta sengwe se sentšha se se tlileng go tlisa phetogo e e botoka botshelong jwa gago.

Ditoro ka ga bookelo

Fa o ka lora ka bookelo, ke matlhogonolo fa fela e le gore o ile go bona kgotsa etela motho yo mongwe. Go raya gore o tlile go nna le bitekanelo bo bo siameng. Fa o le kwa bookelong, go raya gore o tshwanetse go nna kelotlhoko.

Ditoro ka ga mabowa

Fa o ka lora ka mabowa, ke masego go di kga fela madimabe fa o ka di ja segolobogolo fa o ka lwala fa torong ya gago.

Ditoro ka ga dinaledi

Fa o lora ka dinaledi, o tlile go nna le lerato le lentsi botshelong jwa gago, mme wa bona dikgang tse di monate go tswa felo gongwe kwa o neng o sa di solofela go tswa teng.