Skip to content
- Go nna ka diatla – Go se dire sepe kgotsa go nna botswa.
- Go nya phuti boloko – Go sia kgotsa go tshaba.
- Go tlhanola direthe – Go tshaba.
- Go inaya/ipha naga – Go sia; go tshaba.
- Go itaya se fololetse – Go retelelwa.
- Go le botsa phokoje – Go sia ka lebelo o iphalotsa.
- Go tlhanola direthe – Go tshaba.
- Go inaya naga – Go tshaba.
- Go tshoga ditlhatsana – Go nna pelo e boi, e e tshabang sengwe le sengwe.
- Go nna dinalanyana – Go utswa.
- Go nna pelo-e-thata – Go sa tshabe sepe.
- Go segatlhamelamasisi – Go sa tshabe sepe.
- Go garoga letswalo – Go tshoga thata.
- Go ema pelo – Go tshoga thata.
- Go itewa ke letswalo – Go tshoga thata.
Related
Ke kopa thuso ya maele a latelang go apeya mo phefong
Dumela Mathapelo re tla dira dipatlisiso ka tshedimosetso eno, mme re go abela ka tshedimosetso e mo webosaeteng ya rona