Maele ka go lwa

  • Go tshwara noga mogatla – Go dira selo se se diphatsa/kotsi.
  • Go huna theledi – Go sia o sa gadime kwa morago.
  • Go ya dira o se thata – Go simolola ntwa e o fenngwang mo go yone.
  • Go jana ka marumo – Go tlhabana.
  • Go thelela motho thupana letshotelong – Go ipaakanyetsa go mo otlhaya.
  • Go tlosa golo go atlhame – Go alola o batla go tshwara o betsa; go kwitikwitisa.
  • Go tsholetsa letsogo – Go betsa; go itaya.
  • Go tshosa ka gore “phiri ke e!” – Go tshosa ka go umaka dipatiko
  • Go tshwara ka pelo – Go tlhoka go itshwarela. Go thibela lesego la motho yo mongwe.
  • Go tshwara ka phatla – Go kgaodisa yo mongwe go bua.
  • Go tshwara matlhaku ka dithito – Go leka ka thata; go ikapaapa.

Leave a Reply