Maele ka ga madimabe

  • Go nna gopane wa moikapari – Go sotlega kgotsa go nna mohumanegi yo o tlhokang sa gagwe. Go nna modidi yo o tlhomolang pelo.
  • Go ja masepa a balekane ba gago – Go direla bankane ba gago le go itshokela go sotlwa ke bone.
  • Go kopana le lerwa le fuduga – Go nna mo mathateng a magolo.
  • Go nna kobo-dikhutshwane – Go humanega ; go tlhaela dilo tse dintsi.
  • Go itewa ke lefatshe – Go tlhoka lesego; go humanega o ntse o leka papadi.
  • Go nna pharamosese – Go tswa seramatla; lesilo; seelele.

Leave a Reply