Maele ka ga go tshola batho

  • Go boloka motho – Go mo fitlha a sule; go thusa mo tlaleng/tlalelong.
  • Go fisa baeng marago – Go itlhaganisa baeng gore ba se ka ba nna lobaka.
  • Go iphaga dibese – Go itsenya mo dilong tse di sa go ameng; go italetsa.
  • Go kgwa motho mathe – Go nyatsa motho.
  • Go reba legala – Go fokotsa kgalefo.
  • Go jela motho matlapi – Go tlakatlakela motho.
  • Go bonesa motho ka motswaiso wa monato – Go nyatsa motho.
  • Go tlhaba ka matlho – Go lebelela thata.
  • Go tlhaetsa matlho. Go nyatsa.
  • Go kaba motho maroba a pelo – Go kgoreletsa yo mongwe ka go nna, go dula kgotsa go ema gaufi thata le ene.
  • Go ja mogontlho – Go dira ka go rata ka yo mongwe a sena mosireletsi.
  • Go kgotla semane – Go rumula; go Å¡akgatsa.

Leave a Reply