Go bapalela mo kgetseng e e letshoba – Go dira tiro e e se nang maduo, go palelwa ke go boloka se o se direlang jaaka go amogela madi a mantsi mme a feta fela ka diphatlha tsa menwana.
Go bapolela dimapo tlapeng – Go dira tiro e e bokete, mme maduo a yone a le mannye, go leka go dira se se se ka keng sa direga.
Go batla gotswana lwa phiri – Go leka go batla sengwe mo lefelong le go leng thata go re se ka bonwa kgotsa go batla se o sa se itseng.
Go bogola poo e tsweletse ka go bopa – Go dira sengwe se ntse se gana.
Go itaya sefololetse– Go sa tswele pele, go retelelwa.
Go itaya ka kwa ntle – Go retelelwa.
Go bofelela mabogo kwa morago – Go itsa motho go itirela sepe.
Go di tlatsa ka kobo di se na morwadi – Go tewa dithetlwa; go leka go dira selo se o ka ke wa ba wa se kgona. Go leka go dira selo se se go fetang ka maatla.
Go palama more ka dikala – Go tsenelela mafoko fa gare; go dira se o ka se keng wa se kgona.
Go gama o ikotelela – Go tshwara tiro o le esi go sena mothusi
Go itaya fa thoko jaaka tlhobolo ya boijane – Go tsamaela lefela. Fa maiteko a sa atlega.