- Go baya sengwe letlhaku – Go ipeela seengwe go re o tla se dira nako nngwe. Go beeletsa sengwe.
- Go bua ka pelo – Go akanya thata.
- Go baya pelo – Go se fele pelo.
- Go gagamatsa thamo – Go nna bodipa.
- Go nna mabogo maleele – Go dira go fetisa selekano.
- Go sa pelo – Go tlhoka pelo telele ya go leka.
- Go tshwara pelo ka seatla – Go eletsa gore selo se se bosula se se ka sa diragala.