Leboko la ga Motlhaping wa Molefe

Ke molelo o Mpete kokobolo Tlhapi kgole e ntsho e e sa tshwarweng ke monna a sa bofa lotheka la borokgwe
Ke senkga phoka ngola la pula
Tlhware ya go bolawa ke mosadi banna ba e tshaba
Seila Ntša le motho
Selatswa ke kgomo le phologolo tsa metsi
Mosadi fa ale ratla la Tlou ga a ralale motlhape wa kgomo tsa ga rraagwe ebile ga a ore matlhaku a saka la gaabo.
O irileng Mokwepa o bolaile kgomo tsa Batlhaping a tsoga ka makuku a naka tsa kgomo a apaya mogetlo mme a o rwala ka tlhogo a ya kwa dikgomo di swetseng teng, mme yare e a mo loma ya wela mo mogetlong
A kua mokgosi banna ba tla ba taboga
Ba fitlhela a ipofile lotheka ka yone, are ga ke mosetsana ke mosadi ngwetsi ya Batlhaping.
Bare ba mo neela bogosi a bo gana are o tshaba boloi
Ba bo ba bo neela bo Mere.

1 thought on “Leboko la ga Motlhaping wa Molefe”

  1. 🐟BATLHAPING 🐟
    Batlhaping🐟ba tswa kwa Taung.Go tswa ga lowe ke barolong ba bina tholo🦌eseng tlhapi🐟mme ba ana tlhapi🐟Ke barolong,ba biditswe batlhaping morago ga go sala fa nokeng ba tshwara ditlhapi*
    Batlhaping🐟baga Phuduhudu
    Batlhaping🐟baga Phuduhutswana
    Batlhaping🐟baga Maidi
    Batlhaping🐟baga Mothibi
    Batlhaping🐟baga Bantsijang
    Batlhaping🐟baga Molehe
    Batlhaping🐟boo Marumo
    Batlhaping🐟boo Marutshana
    Batlhaping 🐟boo Susu

    Reply

Leave a Reply