Leboko la ga Lebelwane Bakaa

Nna kwa gaetsho kwa ga Marulela
Leboko ke boswa ga re ke re lesa
Bana ba ga Tshane ga re le tlogele
Le ba ba suleng ba sule ntse ba boka
Pulelo o sule ka tsa ‘a maemo
Le nna ke a swa ba tla a a tsaya
Leswena nnake o tla a le tsaya
Lefa e le Tshane morwa Montshiwa
Ke motho wa Bokaa
Wa ga Mmamalekwa yo o lekwang gotlhe
Tlou, Malekwa oorra-Mosenyi le Suwe
O boka o itse go tshwaya Mokaa
O tshwaya dikgomo o sale le batho
Batho o sale o ba bitsa ba gago
Marumo a dira ga ake a ajwa
Ba tsoga ba go namolela ditshaba
Ba go namola’ ntwa di go dikile,
Ga re nkwe e bopa kwa Boka thamaga
E bopa gorraMosenyi tilodi
Bomme ba e utlwa ba tswa nokeng
Bo rre ba e utlwa ba tswa go rema
RraMogotsi ga se motho legatlapa
Erile fa go umakwa ditlhobololo
A lwa maoto a ba a lwala le tlhogo
Kante ga a lwale o a ipata
Ka a ne a tshaba go latela nkwe
Ga re nna ga ke gane ke a dumela
Le nna nka lwala jalo
Ka lwala maoto ka bo ka lwala tlhogo
Ka kwano nkwe tilodi e motlotlo o thata
Mokaa tsweetswee ke a go kopa
Dikgomo tse di kwa Tobela Mokaa
‘Kgomo tseo di se ka tsa golega
‘Kgomo tseo ke sehuba sa kgosi
Tsa ga Phiri kgaitsadia Rraseitebaleng

Leave a Reply