Leboko la ga Kgosi Molefi Molefe

Ke moleti a matlotla
Molebeledi wa marope a batho
Modisa wa sope la ga mmaagwe
La ga Modiane a Setlanyane
Yo o teilweng gatwe lebelela
Ke mogolowe ke Pilane a Pheto
Ene e rile go tulwe lebelela
Aba a tlatsa ka dichabana dingwe
Ba ga Seabe ka ba ga Ratlhagana

Thebe e phatshwa ya marumo, Seleki
Soo Letsepe a Marutlwa
Se se lekileng ba ga Mapela
Ya re Mankopane a tshaba sesadi
A ba a tshaba le mosadi wa gagwe
A tshaba a tshabela mo legageng
Batho ba tsenye mo mogolong motsho

Batho ba kile ba tsenwa ke legorwe
Ke noga e tala, tlhomaganya-batho
Ke ntsi ya bo-Tshire le Sebatseeng

Mebila metseisa masogana
Bokgope ba ba mono ba nyetse botlhe
Soga go setse Ramadiakobong
O setse le Nkwe morwa Machamola
Ba setse le Gare a Motebutebu
Le ene ga a sale o tlaa nyala
O tlaa tsaya lesoga la mosadi
A nyala le Nkwe morwa Machamola
Ba tsaya le Gare a Motebutebu

Batho ba semile Palai Motshwane
Mong lekoko ba seka ba mo itse
E re ba tlaa ba ba mo lemoga
Ba bona ge a utla motho, Motshwane
A mo tubaka a lekisa tshukudu
A mo kopanya le mmu le molora
Ba re ‘mong a dira ke yo o kobo ya nkwe
Yo o kola tshweu ya matlhwa-diolo
O ntse a gagabisa selalome

Mogwe wa ga MmaMotshabi kgagapa
Ga se kgagapa ya go tsaya sa mongwe
Kgagapa ya go gagapela dilalome nageng
Kgatlapi o jetse sebata nageng
O jetse thokwa le maroo, Kgatlapi
A bo-Moloka a Lebotsa

E rile ge a feta ka Bobididi
A tswa a feta ka metse ya digwaba
Fa metsaneng ya bo-RaMpotelwe
Ga nna ga tsholediwa dirathana
Ba re ‘ngwana gomola
O fitlhile, Motshwane a Mabusolosa a Kgabo’

Mme e re e lla tshadi ya ga Molekwa
Mantswe a bona a lebile kwano
Ba a lebisa kwa Magong, Motshwane
Go Mabusolosa a Kgabo

Kana ke itheetseng ka re ke Motshwane?
Nkabe ke rile ke Rradibolelo
Yo o ratilweng ke diboko, Motshwane
Wa Rammileng a Kgabo

Batho ba boa letlala moreneng
Ga baa ka ba mo fitlhela Motshwane
O poteletse o ile ntlha ele
O poteletse jaaka mhitsana
Wa oto la mosadi wa gagwe
Wa oto la ga morwa Rammala
O ile mantlha o o Rathebjwane a Mokgwatlheng

Leave a Reply