Leboko la ga Kgosi Kgamanyane (La mo Gae)

Magwapitlana-gwapitlana
Ngwana mahudu, tshaba tlhaga
Ke tshaba tlhaga ke le mang?
Ke fako di nkwela gale
Tlhagana tsa marallana
Motho ke tshaba wa selepe
Wa molamu ga ke mo tshabe
Akere tou ka hunyela
Ngwana mahudu ka hunyella legapeng

Kwa seleteng go ngwana o monana
Go legora le dialetsa Molefi
Molefi ka rrangwanaagwe Mojadife
Wena Molefi kena gotlhwe ke go gapele
Ga kena gotlhwe ke go gapele sepe
Ke go gapetse dikgomo, wa di aba
Ka pelo-tona o e kgantshang
Wa tloga ka go di abela nageng
O bile o di abela magatlapa
Khunwana wa e naya Mmamoleme
Wa ba ga Modisagae a Selo
Tshwaana wa e naya Rramphaphana a Madi
A ke mogwe wa kwa Mading, Makgadimotse,
Kapa ke tlogolo sa ga Modisagae a Selo,
Ge ke a [o] gapa dikgomo ba di newe?
Ke nke ketlhwe ke go gapela sepe

Ntwa di le kana ke tlhola ke di bolla
Mothata wag a Pilana a Pheto
Ga ke ise nke [ketle] ke gapile epe
Ntwa ya ka jeno ke sa e gapetse
Ke gapa dikgomo, ke gapa dipodi
Ke di busetsa fa Maremapoong
Fa maropeng a baswi ba seyong
Fa maropeng a badimo, Tshesetsi
Wa bo-Letsebe a Pilane
Ka re ke fitlha fa teng ka di aba
Ka fa ka di kgaoganya
Bontlha bo bongwe ka naya Bakgatla
Dingwe ka di naya ba ga Mogorosi
Ka re, tsaya le lale le tlhatlhetse ka foo
Mme Bakgatla ka e le bakeleka-kgosi
Ba be ba tsoga ga nkeleka, bare
Kgomo tsa kaapa di newa baratwi
Di neilwe ba Mogorosi a Moleo
Di neilwe Mmaphate o ratwang
Ka re, ga ke mo rate, kala ya ga Pilane
Ke bona ga a tloga a nthoboga
A re, go sale go swa Pilane a Pheto
Ke latlhegile, ke a tsholwa ke motho
Morwa-Rramphera ka mo katakisa
Ka mo naya podi e le ngolwanyana
Ka mo naya podi tshwanyana a tlesa
Le ge o setse kwa Bopitikelong
Matlho a gago a sa lebile kwano
O tla nne o no o tlhwe o mmochela
O mmochela o mo latswa mabogo

Tshukudu ya gaka le Rramorontshe
Ya gaka le rra-mothoetsho
E ne ena le Rramodibe, tshukudu
Ya re e fitlha fa Mankwe ya tlhapa
Ya tlola taka, ya boa ka mabogo
Ya boa ka dijabana, morwa-kgosi

Leave a Reply