Kgomo e kwa ga Ngwaketse e a tlhaba
Kgomo e tlhaba go le botlhoko
E tlhaba e iphetolela dichaba
Rona e rile re ithwele megono re lela
Re batla motho a tsile go re busa
Ga tsoga go itlhaola batho bangwe
Ba re a itse ba re lebela fela foo
E rile fa le ntsha kodu Leisantwa
Motho a ba a sitwa ke go araba
A ba a sitwa ke go araba potso
Ntswa e le bone beng ba dipotso
Re kile ra ne re lo ntse lodule
Le Bahurutshe le ba ga Mmapula
Ra tshoga ka di kokoroga ditshwene
Bo gopanyane ba ipaa mafatshe
Le tsile la utlwala Leisantwa
A ba chobela a ba katela kwa semelemetheng
A ba chobetsa fa gare ga Maburu
A ba potisa lentswe ja Tshwenyane morago
Bahurutshe ba sale ba bakela mafswi a madila ka letsatsi jeo
Go go sa tlhola go bonwa lekuka ka kwa Lehurutshe
Ntlhatlhelela moo, rra molekane
Mokgalo-mafswi yo o kwa ga Ngwaketse
Tlhobolo yaka e ntse lehoho fela
Ga e sa tlho e na le marumo
Dichaba di tsentse morena modumo
E tla re motlhaope a ba a re tlholetse botlhoko
Manong a iba totong tsa batho
Phokobje a itumelela dinama
Dithupa di kgetlwa fela go sa tshabana ope
O lootse chaka, monna Mokgadi
Chaka ya gago o e leke bogale
Chaka e tla rema yo o balabalang
E tla rema yo o rumola kgosi
O letse a tlhodumela ka ditlhare
A tlhodumela ka phata ya Polokwe
Go twe le bolotse Leisantwa
Ko o teng o tla lala a re tshubetse
Ngwana o letse a anywela ka fa tharing
Rona mono ga Ngwaketse re ntse lodule
Ga re lale re lala dinoga godimo
Re raga bolo le bana ba Makgoa
Golo ka kwa Tshwaane lo dise thata
Ditlhare tseo ba seka ba di rema
Ba seka ba senyetsa motho ditlhare
Ba tlaa di rema re sena go utlwa
Ba tlaa di rema re sena go tlhakanela ditiro
A itse le tlaa araba fela Leisantwa
Mayakathata a tla leba Moshana
Ba ya go ema fa Mokolontwaneng
Matshelaphala a tla tsena ka Phatayabasadi
Ba eme fa Tlhokwane ba re letile
Mayakapula a tla tsena ka phata ya Polokwe
Fa botlhabatsatsi go ntse go a bolelwa
Ba ga Modimele ba ntse ba a iphaka
Lo gopole Mmankgodi, banna
O o monate ga oko o jewa gabedi, go a ila
Naang lo bue jalo lo mo gakatse
O tlaa lo senya fela a sa kolopa
O tlaa lo senya fela a sa tsaya marumo
Fa Malaung, fa semelemetheng
Fa mophatong o mogolo wa kgosi
Wa koko ja ga RaSerwalo le RaOnyane
Motho o ntse a leka selepe bogale
E o thaka ya Malau digagapa botlhe
Naa ko o teng ba gakgametse Baphoting
Ka ba bonye lefeta lefalola Leisantwa
Setobele se lela mapotlapotla
A tshwara dioka a dilatsa mmete
Kwa Serowe go setse go kgojwa fela
Ke ne ke boka motho ale mogolo
O mosweu wa Thupa a Moleta
E kete ke boka Seametso oora Lemme
Yo lepodi mosela a senang nayo
Ngwana wa ga rra ga ke go kgobotle
Ke a go itse fa o le mosimane wa moroba
Di re ganne fela re di lekile
Re kile ra di leka kwa Dibere mmogo
Kgomo yo mogolole ke e bonye
Monongwaga e tla dika e tsetse
Ke tlaa dika ke ithuta molodi
Motlotlomedi a dichaba
O tautona o okame merafe
Dichaba tsotlhe di go ntse meruti
O ka theoga dichaba tsotlhe di ka theoga