Leboko la ga Kgosi Bathoen I (A tswa Ga-Ramotswa)

Segope wa magonono, tlerebetsa
Ntswe le tlole ka mabjwe a Dilolwe
Le kwa ga Ramotswa le utlwale fela
Ba tshoge ba digele banyana mo maishong
Ba utlwa e tlerebetsa, Phenya-dingwe

Phologolo ya marapo a Moshana
Ya ntswe la Mokakanana, kgalema
Ka re ke tla itse go tla nna
Banna ba pidita Maisantwa
Bana ba Malau ka Maakantwa
Ba piditana ga aboga lentswe
Ga wa setlhoa sa Otse, morwa kgosi

Ga se ope o hulwa ka kwa sekotleng
Banna ba hulwa diphaphela fela
Matlho a dilotse mhero
Legodimo le thibile mouwane
Ga go ope o ka bonang dinaledi
Molelo wa tlola, mokgosi wa lela

Kgomo phepa ga e gangwe bosigo
E gangwa ka moso bosigo bo sele
Mahube a tswa, letsatsi le gasa marang
E be e le gone e tla tlatsang kgamelo
Mafshwi a kwena a lekane lekoko
A lekane banna ba ga mokgalo

Mosadi wa aka MmaKekaletswe nnela ditlhako
Ke tsamaye kwa le teng letsogile Leisantwa
Bosigo bo sele, koko di a lela
Ko o gone le tsogile Leisantwa jele kwa ga Ngwaketse
Yo o phatla tshweu, wa kgotla ya kgosi
O tlhotlhobetse ka kola ya nonyane
Ka kola ya lenong, motlhabani

E re etswa ke boka kgosi
Ke boka setlhaba sa Kanye, morwa kgosi
E bile e kete ke boka Tlhokilwe
Wa monkanaake oo RaDibeela
Yo le podi mosela a sena yone

Leave a Reply