isiXhosaisiXhosa isiZuluisiZulu

Leboko la Bakgatla

Ke barwa ntswana ya yona
Tse ke dithata tsa ga Sedibelo molelo, se a sa se a tshologa
Morula o o kutu-kgolo Bakgatla
Bana ba sefatana sa motse wa Moruleng
Se se kileng sa swa, metse ya falala
Metse e kile ya tshaba maputlela
E kile ya tshaba Molefe a Masilo.

9 thoughts on “Leboko la Bakgatla”

  1. Leboko la ga Dikono Mafiri is not articulated properly : Batswa motlhuping a sibutla sa Mathebo -a- Dimo. Batho ba ke baga Mafiri -a – motlhabane magadimana ntweng ge baja ga ba gadimane .Ke bakgatla -Kgabo.

    Reply
  2. Madume morulaganyi le mokwadi wa maboko a Setshaba le Merafe ya Setswana.
    Ke leboga borulaganyi bokwadi le tlhagiso ee kwa setlhoeng ka go boloka puo ngwao le setso sa Setswana.
    Tshwarang jaalo go tsweletsa tiro ee manontlhotlho e le e dirang baba ba Batswana.
    A re tshwaraganeng jaalo re dire pula ene.
    PULA MOTSWANA WETSHO.

    Reply
    • Re motlotlo fa o ratile tshedimosetso ka ga ngwao le setso sa Batswana. O nne o etela webosaite ya rona. O tlo nna o fitlhela tshedimosetso e botlhokwa ya Setswana.

      Reply
  3. Leboko la etsho ke lena.

    LEBOKO LA MOKGATLA WA GA KGWEFANE

    Borra Motshudi dumelang.
    Ke Mokgatlha- wa ga Kgafela a matshego
    Gake Mmina Kgabo e ko ntsweng
    Ke mmina kgabo ya mollo- e tukang malakabe
    Bontate mogolo golwane ba ba tlhodileng Kgafela , Kgamanyane le Sekgome.
    Nnna ke ngwana wa sefata sa morule
    Se e irileng ba ba binang kgabo ba palama setlhare
    Nna ka e nna mo kutung ke fitlhela e le kima
    Dichaba tsa nna makgaoganyane ba bo ba mphilthlela ke le foo
    Ba ngaloga ba bangwe ba ga Dingalo le ba ga Ranngana.
    Retlhabile ke mebitlwa raba ra nna ko Mmamitlwe.
    Dine tsa robaroba mebala,
    Makolwanyane tlayang lo boneng le tsoge le supa se lo seboneng
    Yo o buang ke morwadia Makgotso wa ga Kgwefane

    Reply

Leave a Reply