Ditoro ka go lora o lwa le motho mme a go fenya

Tlhaloso ka ga go lora o lwa le motho mme a go fenya:

Fa o lora o lwa le motho mme a go fenya, tlhaloso ya seo e tla ikaega ka gore motho yo o lwang le ene ke mong. Fa o le monna mme o fenya ke mosadi kgotsa o le mosadi mme o fenya ke monna, o lwa le phologolo, mme bong jwa phologolo eo ke bo bo fapaneng le ba motho yo toro eo e rometsweng kwa go yena. Mme fa o lora o fenya motho oo, seo re raya gore o setse o mo fentse le mo nneteng. Batho ba bangwe ba nale lesego la go kgona go bona gore ba romeletswe phologolo ka gore e fetola popego ya yona, jaaka fa o ka e betsa mo torong ya be e fetoga e nna ngwana wa gago kgotsa mongwe wa losika lwa gago. Fa o tswela pele go e betsa, e fetoga go nna phologolo gape. Fa o ka e betsa ya ba ya swa, seo se raya gore o fentse mme e ka se tlhole e go tshwenya gape. O ka fedisa ditoro tse di ntseng jalo ka go dirisa melemo ya setso kgotsa ka go rapela fa o le motho yo o dumelang mo thapelong.

Leave a Reply