Fa o ka lora ka ntšwa, ke sesupo se sentle fa e le gore e itshwere sentle mme e a go reetsa, segolobogolo fa e le ntšwanyana. Fa ntšwa e ka se itshware sentle, e lwa kgotsa e thuba dilo, go raya gore o tlile go itemogela mathata botshelong jwa gago go ise go ye kae, segolobogolo go tswa go batho ba ba sa ikanyegeng. Fa ntšwa e ka go loma, gone go na le motho yo o batlang go go dira sengwe se se maswe yo o ka tswang a go loile. Fa e bogola kgotsa kua, go kaya bolwetse kgotsa loso lapeng la gago. Fa o lora gore mosadi yo montšha o gorogile kwa lapeng mme dintšwa di botsalano go ena go na le gore di mo lome, go raya gore o amogetswe ke badimo.

Ke lorile tonki e robalana le ntswa seo sera go re eng?