Ditoro ka ga monna kgotsa mosadi

Fa o ka lora ka monna wa gago kgotsa mosadi, go raya gore o tlile go atlega go dilong tse o di dirang segolobogolo kwa tirong. Fa o le mosadi yo o nyetsweng mme wa lora o lwa le yo mongwe wa basadi ba monna wa gago, go raya gore o leka go le tlhalantsha wena le monna wa gago. Fa e kete o fenya ntwa, go raya gore maiteko a gagwe ga a diri kgotsa ditlhare tsa gagwe ga di bogale go lekana.

Leave a Reply