Fa o ka lora ka lewatle, ke matlhogonolo fa e le gore makhubu a iketlile kgotsa a ritibetse fela madimabe fa a le makgwakgwa le matsubutsubu. Fa makhubu a le kgolo mme a go digela ka fa teng, gone go raya gore o tlile go tshwanelwa ke go dira ka natla gore o atlege. Fa o tsamaya fa metsing go raya gore o tlile go nna le katlego fa se o batlang go se dira, segolobogolo fa o nyalwa. Fa o lora ka lewatle go ka raya gore o tshwanetse o tlhapa sefifi kwa lewatleng. Ditoro ka lewatle goka raya gore o nale matla a semoya mo botshelong ba gago.
