Ditoro ka ga dikgotlhang

Go nale ditoro tse di farologaneng ka ga dikgotlhang tse o ka dilorang. E ka nna ditaba tse siameng kgotsa tse di sa siamang mo botshelong ba gago. Fa o lora o tsena le go nna leloko la sesole, go raya gore o tlile go nna le phetogo fa tirong gautshwana. Fa o lora o na le dikomano le mongwe, o tlile go bona dikgang tse di monate gautshwana tse o neng o sa di solofela. Gape o nna ka iponna ditsala tse di ntšha.

Fa o lora o lwa le manaba a gago, wa bo o fenya, gone go raya gore o tlile go nna le matlhogonolo. Fa e le gore o boifa kgotsa o fentswe, gone o tlile go nna le madimabe. Fa o lora o iteile mongwe ka lebole, gone go tlile go nna le mathata gautshwana o ka tla wa tshwarwa e bile fa o sa tlhokomele. Fa o lora o itaya le go betsa mongwe, gone o tlile go nna le matlhabisaditlhong fa botshelong gautshwana le kamano e e senang katlego.

1 thought on “Ditoro ka ga dikgotlhang”

Leave a Reply