Diane ka ga go tsofala

  • Dijammogo di a itsanye – Batho go itsana boteng ke go nna mmogo.
  • Dikala tsa mmubudu di ntse di a bonala – O tsofetse, o godile, o atametse go swa.
  • Ga e ke e phetsolela nageng – Go tewa kgomo; motho ga a ke a tsofalela ditshabeng.
  • Go yang ngwana, boselo ba mogodi – Motsadi o tsofalela kwa ngwana a agileng mme a bapalang teng.
  • Kgakala ke kwa re tswang, kwa re yang go gaufi – Makawana kgotsa baswa ba tshogana ba swe, batsofe bone ba lebeletse loso.

Leave a Reply