Ditoro ka ga madimabe

Ditoro ka lesego le le bosula ga se gantsi di tlhoka go thanolwa kgotsa go tlhalosiwa ka ge di itlhalosa ka botsona, se se diragalang mo torong ke se se ka diragalang mo nneteng. Mme ka ditoro tsa bosigo badimo ba gago ba go bontsha gore go na le dilo tse di ntle le tse … Read more

Ditoro ka ga batho ba ba tlhokafetseng

Fa o lora ba losika lwa gago go raya gore ba batla go romela ba ba santseng ba tshela molaetsa. Ka dinako tse dingwe o ka lora ka bona ba ngongorega ka gore ba tshwerwe ke tlala. Se se kaya gore tshwanetse go diriwe moletlo, mo go tlabeng go tlhabiwa nku, kgomo kgotsa kgogo, gore … Read more

Ditoro ka ga sekgwa

Fa o ka lora ka sekgwa se sennye gaufi le ntlo ya gago, go raya gore lenyalo la gago le tla bo le na le boitumelo mme o tlile go nna le bana ba le ba ntsi.

Ditoro ka ga setlhare

Fa o ka lora ka ga setlhare, go ka kaya dilo di le dintsi tse di farologaneng. Fa setlhare se le se segolo, ka dikala tse dintsi, go raya gore o tlile go nna le ntlo e kgolo ya bohumi. Fa setlhare se le tala se kgatlhisa, se nonne, kgotsa wa bona ditlhare tse dintsi, … Read more

Ditoro ka ga go kaletswa

Fa o lora o kaleditswe, go raya gore go na le motho yo o tlhokang thuso ya gago.  O reetse ditsala tsa gago le ba lelapa go bona gore o ka ba thusa jang. Mo nakong ya jaanong.

Ditoro ka ga nama e e sa butswang

Fa o lora gore mongwe o go neile nama e e sa butswang, go ka kaya gore mongwe yo o go lwantshang fa leratong o go loya mo go maswe.  Fa o bone nyalo malobanyana, go raya gore ga o amogelwe ke badimo mo lelapeng la gago le le ntšhwa.