Monwana mo supa dichaba
Mokolometsa wa bana ba Sepere
A ka go sup aka ona o kaa swa
O supile Rrannyoba a ribela
A supa Makopswe a swa mototwane
A swa, a ba a swela ruri, base
A tlhoka le go ka rula ntona ya ga Poulwe
Ke leba Makopswe ke be ke iteba
Ke be ke lebe le Tlhakosalegong
Ke lebe le Rramelora legatlapa
Ke re, ka bone ba rona mogale ke mang?
Motho Makopswe a o a mphala
Kapa ke phalwa ke Tlhakosalegong
Le ge e le Rramelora legatlapa?
Ke phalwe ke ope, tladi ya tlerere
Tladi ya bo-Morekwe le Mapidiwe
E e rathang gabedi Motshegare
E e kileng ya ratha phetella
E re etswe e ratha ka kwa Madikwe
Etswe e ratha ntswe la Lemonyana
Ke ge e ratha fa Maratadibeng
Ya re Kgale ya mo apesa lerole
Bo-Pule ba khurumetsa difatlhego
Banna ba Gabane ba e tshaba
Ba Tshaba role la tladi ya Makoba
E ratha Makopswe ene sekgantsho
E rathile sekgantsho sa ga Poulwe
Maburu ya nna yerre, yerre
Ga se ya ka jeno e tlhola e ratha
Bakwena le bona baa e bolela
E rile ge batswa go gapa Mmotso
Tladi e ntse ya ba sala morago
E rile ge ba fitlha kwa Motlhabatse
Ya feta ya tsosa molapo modumo
E tabotse leupa ya le ba tshela
Ba bangwe ya ba latlha mo matlhakung
Pula e kile ya tlhoma mookodi
Ka kwa Madikwe ya tlhoma mookodi
Ka kwa Kaye ya naisa sefako
Batho ba tsenywe ke rame sa mariga
Serame ge se ba konne dinala
Ke bonye ge ba roroma masogana
Rramono ke ene o sa roromeng
O ntse a fula kgafetsa-kgafetsa
Makgetlo a matlhano, a marataro
O bolaile batho ba barataro
Wa bosupa o mo robile letsogo
Ba ga Segale ke aka ka ba bala
Ke utlwa gotwe ba ne ba le bararo
Wa bone ke yo o tshwaeletse mogolowe
Mme se tlhweng le mpitsa Rramono
Ke’tlhwe ke le Rramono, ke Tumagole
Tuma, o utlwale bogole ba naga
O utlwale moseja kwa mawatleng
O bo o utlwale ga Rramapulana
Sampisi ba utlwe b aba kwaletse
Go utlwe bo-Mmalebogo basadi
Basadi b aba tsweleng mesesana
Go twe, Rramono o kobile Maburu
O kobile Maburu ka fa Kaye
Ka ge e le Lekoba o ba kobile
Leina le ile boreelelong
Ntwa o e abetswe ke mogolowe
O e abetswe ke morena Diphatse
RaDipapa o mo abile bosigo
O mo abetse kwa Mogologadikwe
O rile a mo aba a mo laela a re
Itlhaganele o ye ka kwa Kaye
O ba rake senwelo ka kwa Kaye
O se [o] rake Maburu a ga Poulwe
E seka ya re o babona batlhaga
Wa tshoga ware ke a tshola kanono
O phure maime dira-ga-di-bonwe
O phure maime a ba imele
Maime ke yona kanono ya gago
E rile riale a ultwela ruri
Ngwana wa Masoswe a bolaya noga
A e tapita tlhogo ka fa Kaye
Ge a gapa koloi di le thataro
Ya re ya bosupa a gapa kariki
O gapile kariki ya ga Nkwane
Ya ngaka ya monna wa kwa Tlhabane
Ya re dikgofetsi a di phutha tsotlhe
O di tsisitse fa pele ga morena
Fa pele ga monna wa Matlakana
Batho bonang, Pilane o itsetse
Pilane o itsetse ka pelokgale
Le ka lebelo e kete rragwe
E kete ke ene Pilane a Pheto
Molope yo o gapa a sena pere
Le ene ge kgomo tsabo di gapilwe
O fologa pitse a siane fela
A gate fela ka dinao, Tumisi
Wa lekoko la ga Segale