Ditso tsa Batlokwa

Ga twe morafe wa Batlokwa ke lekgamu la Bakgatla go tswa kwa tshimologong. Ke morafe o o tlholegang go tswa mo go ngwana wa bone wa ga Tabane le Mathulare, yo o bidiwang Kgwadi. Mo baneng botlhe ba ga Tabane le Mmathulare, Kgwadi o ne a itsege thata ka bogatlhamelamasisi le bobelokgale. Ba ne ba sena phologolo e ba e anang pele ba ka itlhophela go ana Nkwe gonne ba ne ba le bogale fela jaaka yone. Ba ne ba itsiwe ka ntwa le go nna ba thukhutha merafe e neng e tshela gaufi le bone. Ga go tlhomamisege gore Btlokwa ba ne ba kgaotsa leng kgotsa jang go ana Nkwe, gonne gompieno ba ana Thakadu e bile go itsege jalo.

Komelelo e kgolo mo lefatsheng la Batlokwa

E rile morago ga dikgaogano le diphudugo tse dintsintsi go akaretsa dintwantwa, ya re ka ngwa wa 1803, ga nna borole jo bo neng bo tlhomola pelo thata. Batlokwa ba ne ba swelwa ke leruo le lentsi thata, ba senyegelwa ke dijo le dijalo. Ga twe banna ba Batlokwa ba ba neng ba nyetse lefufa ka nako eo, ba ne ba simolola go kopa basadi ba bona ba babotlana gore ba boele matlong a borraabone gonne ba ne ba sa tlhole ba kgona go ba tlamela. Leina la motlha o e ne e le Sekoboto ka fa go tlhalosiwang ka teng. Gatwe ke motlha o ditshika di neng tsa kgaogana le magosi go tlhalosiwa fa a ne a latlhegelwa ke merafe ya bona, gonne go ne go swa batho ba le bantsi thata, mme ba bangwe ba ne ba tshabela kwa mafelong a mangwe go nna le merafe e sele. Ka ntlha ya komelelo e, le mabele a ne a sa tlhole a le teng, go ne go iphataphatelwa

Kgosi ya Batlokwa o nyala morwadia-kgosi ya Basia

E rile ya re tsotlhe tsa borole di fetile, Mokotso, kgosi e e neng e busa Batlokwa ka nako eo, a nyala morwadiakgosi a bidiwa Monyalwe, morwadia Mathaga. Ga twe Monyalwe o ne a le moswaana, a le montle thata. Mathaka ka lotsalo, e ne e le ntsalae Mokotso, gonne Basia le Batlokwa ke merafe e e tlholegang mo Bakgatleng, mme ba a tsalana ka losika.

Manthatise o a tsholwa

Ya re Mokotso le Monyalwe ba le mo lenyalong, ba segofadiwa ka ngwana wa mosetsana a bidiwa Manthatise. Bobedi ba ne ba tshola ngwana wa mosimane a bidiwa Sekonyela. Ka loso lwa ga Mokotso, Sekonyela o ne a sa ntse a le mmotlana. Ka ntlha ya fa morafe wa Batlokwa o ne o le mo kotsing ka gone, ba ne ba boifa gore ka ntlha ya fa go sena kgosi, mongwe le mongwe a ka tsaya bogosi jwa ga Sekonyela ka a le mmotlana. Mmanthatise a tsaya bogosi boemong jwa morwae yo o neng a sa ntse a le mmotlana go busa. E rile go tsaya marapo, Manthatise a dira dilo tse dintsi thata tse lefatshe le ka se ka la tsoga le di lebetse. Le leina la ga Manthatise mo metlheng ya gompieno, le a ntse le le mo dipounameng tsa batho, bogolojang merafe e e sotlakakilweng ke bokgopo jwa Batlokwa ba mosadi yo. Manthatise o ne a sa le mo dingwageng tsa boša. O ne a busa ka letsogo le le gagametseng go fitlha batho ba gagwe ba simolola mo mo ikanya le go tshepela mo go ene jaaka kgosigadi wa bone. O ne a sa ikgalale boswagadi. O ne a bona thoriso le go tswa kwa merafeng e e gaufi e kgakala.

Manthatise o bolotsa tlhaselo

Ka fa morafe wa Matlhobi o ne o agile gaufi le Batlokwa ba ga Manthatise, Manthatise a romela tlhaselo e e setlhogo thata wa morafeng wa Matlhobi. Ba ba bolaya setlhogo ba bo ba ba gapela le dikgomo. Phenyo e e ne ya godisa leina la gagwe le go ntsifatsa serodumo sa gagwe. Ya re mo tsamaong ya nako, Batlhobi ba boa ba tlhaselwa ke morafe o sele, boemong jwa go itwanela, ba bona go le molemo gore ba tshabele kwa go Manthatise gonne ba ne ba mo tlotla thata. Kgosi ya Batlhobi a goroga le morafe wa gagwe o feta dikete di le pedi, Batlokwa ba ba amogela mme morafe wa Batlokwa wa ntsifala thata, a ba segela mokgatsha ntlha e sele ya thata ya Drakensberg.

Go bolelwa gore e rile mo tsamaong ya nako, kgosi ya Batlhobi ya simolola go itshupa mokgwa wa lenyatso mo go kgosigadi Manthatise, ga twe ka nako eo, Sekonyela o ne a setse a godile e bile a rupisitswe, ga twe o ne a ya go tlhasela kgosi ya Batlhobi a ba a mmolaya le go tlhatswa lerumo ka madi a gagwe.

Leave a Reply