Maele ka ga ditlhagiso

  • Go anya phiri – Go tshologa ditete o robetse. 
  • Go apaya ka lonao – Go nna o etela batho go re o je kwa teng; go ikanya go fiwa fa motho a etile. 
  • Go baba lonao – Go rata go tsamaya bobe kgotsa go eletsa go kgarakgatshega. 
  • Go di kapa – Go tagwa; go nwa bojalwa go feta selekano. 
  • Go di tlhaolela di bekerwe – Go tsaya kgato go setse go le thari kgotsa go leka go kganela selo se setse se diragetse; Go thanya lemapo le le  
  • tsebeng. 
  • Go direlwa fela o se naga – Go neelwa dilo motlhofo kgotsa go se direle dilo tsa gago. 
  • Go tlhaba podi matseba – Go itsese; go tlhalefisa motho. 
  • Go tsena ka lenga la seloko – Go nyelela. 
  • Go tshosa magotlo – Go rota kgotsa go ntsha motlhapo. 
  • Go tsena motho ganong – Go bua motho yo o mongwe a sa ntse a bua; go ganetsa se motho a se buang a ise a fetse se a se buang. 
  • Go nna disanyana – Go seka; go nnela kgang mo puisanelong. 
  • Go ipala mabala a kgaka – Go ikopela lorato. 
  • Go isa marapo go beng – Go robala. 
  • Go isa nonyane Borwa – Go dira tiro e e sa tlhokagaleng 
  • Go isa phuduhudu bosarwa/kgalagadi – Go isa selo ko se leng sentsi teng. 
  • Go batla ngwetsi – Go batla ngwetsi. 
  • Go nna makgabe-a-dipapetla – Go itlhaganela thatathata. 
  • Go nna malao a tshwenyo – Go robala o pitokologa thata. Go khediega mo borokong. 
  • *Go apaya dikgobe – Go tlarubisa melomo le go rata go lela. Go nna sebeto. 
  • *Go apaya pherere – Go nna mo mathateng/dipharagobeng. 
  • Go apeela noko le mala – Go tlhakatlhakanya dilo. 
  • *Go ntshana se-inong – Go ratana mo go feteletseng. 
  • Go atlenegelwa ke sebaka (nako) – Go siamelwa ke dipaka. 
  • *Go baya diphologolo thipa-tshweu sebeteng – Go bolaya le go buwa diphologolo. 
  • *Go baya fa molomung – Go lekeletsa. 
  • *Go baya fa ntshung – Go ja go le gonnye thata; Go tshwara mowa. 
  • *Go baya motho letsobego – Go mo meletsa mathe a go mo utlwisa botlhoko. 
  • Go rata batho jaaka tlala – Go ba rata sewelo. 
  • Go rekela kolojane kgetseng – Go tsaya selo o sa se sekaseka mme e re o se tlhatlhoba, o fitlhele se sa siama. 
  • Go baya mepepeneneng – Go baya pontsheng. Go tlhagisa selo mo pepeneneng. 
  • Go baya thipa selepe – Go ikana fa o ka se kitla o dira selo. 
  • *Go batalatsa dintshi – Go robatsa mmutla; go robala go le gonnye. 
  • Go beeletsa motlhatswa ka tshega – Go itshupa ka bojotlhe fa selo e le sa gago. 
  • Go bona ka bobi ba segokgo – Go bona ka bosesane/lotsatsa. 
  • Go bona ka letshotshwa – Go bona selo ka tshoganyetso fa go sa solofelang ope. 
  • Go bona phiri wa mmotlana – Go bona motho bobotlana; go pataganela. 
  • Go bonela yo mongwe letsatsi pele – Go tsalwa pele ga gagwe. 
  • Go diga dibete – Go iketla. 
  • Go tla kgomo di bolotse – Go goroga morago ga nako e e beilweng.  
  • Go tlhaba-tlhaba mpa ka mmutlwa – Go nna mo boitapolosong bo bogolo le boitumelo. 
  • Go direla motho e se nama – Go direla motho ditiro tsotlhe ene a kwaraletse ka ntlha ya botshwakga (bobodu). 
  • Go tlhaloganya ditlhaha le tlhogo – Go farologanya dilo tse di tshwanang gongwe batho ba ba ratanang thata thata. 
  • Go epa pitso – Go bitsa phuthego; go bitsa bokopano. 
  • *Go fapha ka mogano – Go supela; go tlhomamisa. 
  • Go tsamaya le lorole – Go tlhoka maitsetsepelo; go tlhoka go ikakanyetsa. 
  • Go ferosa dibete – Go batla go kgwa (tlhatsa). Go tenega. 
  • Go fetoga phuti boloko – Go nna seriri. 
  • Go fetsa pelo – Go fetsa maikaelelo. Go diga mowa wa motho ka go dira selo se se mo tenang. 
  • Go hupa tedu – Go ngala. Go kgopisega. 
  • Go tswa lefetwa – Go fetoga lekgarebe le le fetilweng ke lenyalo; go tlolwa ke lobaka lwa go tsewa. 
  • Go ikgata monwana wa kgwenthe – Go tsamaya go le gonnye thata. 
  • Go ikodisa dibi – Go itshenkisa selo osa se itse; go ipatlisa gotswana la phiri. 
  • Go ipatlisa gotswana la phiri – Go batla se o sa se itseng; Go ikodisa dibi.  
  • Go ipelela tsie e fofa – Go itumelela selo o ise o se amogele. Go ikanya selo o ise o se tsholo ka diatla. 
  • Go iphera mo molaong – Go itlhokomolosa molao. 
  • Go isa nonyana borwa – Go fa motho dilo tse a di humileng.  
  • Go ithama ka mafoko – Go itshwara ka se o se buileng; go rema kwa le kwa le go ipofelela ka puo. 
  • Go itaya ka kwano – Go fosa paakane. 
  • Go itaya mathe – Go ja go le gonnye kgotsa itisa ka sejo se sennye. 
  • Go itewa ke setshwane – Go swaba; go tlhajwa ke ditlhong. 
  • Go supa letsatsi – Go ikana. 
  • Go loma legwetla – Go ja maungo a letlhabula. 
  • Go neela tshwene marapo – Go robala. 
  • Go isa marapo go beng – Go robala. 
  • Go tshwara ke kgofa – Go thulamela ka boroko. Go tshwarwa ke boroko jo bosesane. 
  • Go ijesa dijo tsa ditoro – Go ipela ka se o ka se keng wa se bona. 
  • Go itaya mathe – Go nna le tsholofelo; go eletsa gore selo se nne jaaka o batla. 
  • Go tshwara legaba – Go ja go le gonnye. Go tshwarisa lela ka sejo se sennye. 
  • Go boa ka ngobana e sa fotlhwa – Go sa atlege. 
  • Go kopa sego sa metsi – Go batla ngwetsi.  
  • Go lomana dirota – Go tlhatlhamana ka matsalo. 
  • Go rwala masigo ka tlhogo – Go tsamaya go sa le phakela. 
  • Go ja ditlhare ka meno – Go tsenwa. 
  • Go tshosa dipeba – Go rota. Go ntsha motlhapo. 
  • Go fatlha magotlo – Go rota. Go ntsha motlhapo. 
  • Go ema seema – Go rota. Go ntsha motlhapo. 
  • Go nesa pula – Go itumela. 
  • Go paralela molapo – Go se nne le tlhomamo. 
  • Go tlhapisa masori – Go lebogela dimpho tsa setlogolo ke malome. 
  • Go lesa dikoko di ja momela – Go nna o sa ikgabetsa. 
  • Go ja ka meno a maleele – Go sisimoga dijo. 
  • Go nna dinala di metsi – Motlapa; setshwakga. 
  • Go nna mariba a kgokong – Go boitshega; go sakgala. Go tlhajwa ke ditlhong. 
  • Go ema meno-makitla – Go gamarega. 
  • Go sosobana moriri – Go boifa. 
  • Go lepeletsa ditsebe – Go swaba. 
  • Go itoma sankatle – Go ikaelela. Go ikanela selo. 
  • Go jewa ke sekgalo – Go sotlega. 
  • Go katoga monyo – Go nna moleele. 
  • Go konopela lentswana morago – Go ela ruri. 
  • Go gatisa legala – Go gaisa. 
  • Go baba lebadi – Go belaela gore o tla diragalelwa ke sengwe se se bosula. 
  • Go simega kolobe ka botlhale – Go dira selo ka botswerere jo bo sa lemosegeng. 
  • Go tlhapa diatla – Go intsha mo kgannyeng. 
  • Go phophotha diatla – Go rapelela. 
  • Go jewa diatla – Go direla lefela. 
  • Go betwa ke pelo – Go tenega. 
  • Go tlhapisa pelo – Go itumedisa. 
  • Go nna pelo tshweu – Go itumelela sengwe. 
  • Go ongwa ka logare o bo o beolwa ka lona – Motho a gakololwe ka ga selo, mme e re ka go sa reetseng dikgakololo, se bo se mo diragalela. 
  • Go bipa mpa ka mabele – Go sireletsa wa ga eno le mororo o ne o tshwanetse go mo otlhaya. Go fitlha kgang le go e apesa ka maaka to thiba nnete. 
  • Go nna mabogo-dika – Go patlapatla. Go dira tiro ka mabogo oomabedi. 
  • Go itewa ke tshikare – Go ikutlwa mo mading gore sengwe se se bosula se tlaa go diragalela. Go itewa ke letswalo. 
  • Go sega tsebe – Go tlhabisa ditlhong. Go feta motho ka tema. 
  • Go betsa namane ka monwana – Go bopamisa namane ka go gama mmaayone thata/phetelela. 
  • Go ja kgobe – Go lebana mo matlhong nako e telele, lo sa bone. 
  • Go amusa dipotsane – Go otsela. 
  • Go iphara mo molaong – Go tlhokomologa molao. 
  • Go ya legofegofe – Go ela ruri; go ya bokgwelwa. 
  • Go nna podi matseba – Go nna o ipaakantse; o sa itebala. 
  • Go itoma sekgokgono – Go dira se se ka keng sa dirwa ke ope. 
  • Go ja di welang – Go nna tapologong, boiketlong. 
  • Go ja mmamodikwane – Go dikologadikologa go fitlhela o tsewa ke sedidi; go dikologa o bina tantshe. 
  • Go ja meepelane – Go bina le go goa ka boipelo. 
  • Go ja mokaikai – Go nna o kgarakgatshega le naga.  
  • Go ja mokaragana – Go tshameka ka go siana le naga; go tshameka ga basimane le basetsana jaaka dinamanyana. 
  • Go ja nala – Go etela batho ba bangwe. 
  • Go ja ntshwakgo – Go lemala; go tshwakgoga; go nna o dira se o tlwaetseng go se dira. 
  • Go ja ping – Go tlhoba motho mo letlhalong ka dinala e le go mo utlwisa botlhoko jo bonnye. 
  • Go ja tlhogo – Go akanya thata. 
  • Go kalakatla jaaka kgomo ya mariga – Go etsaetsega; go kgarakgatshega. 
  • Go kgadisa motswetsana – Go khutlisa kwa poloka e tswang teng. Go kgadisa motswedi wa dikuno tsa yo motho yo mongwe – Go itsa motho go ungwelwa ka go emisa go mo tlamela. 
  • Go kgweetsa dipotsane – Go thetheekela ka ntlha ya go tagwa. 
  • Go kgaola molebo wa nko – Go senyetsa motho maikaelelo. 
  • Go kgola lenaka la tholo – Go dira tiro e e bokete. 
  • Go kgora ka mpa tsoopedi – Go ja le go tlatsa mpa thata. 
  • Go kgwa manga – Go tlhoboga; go ikotlhaya. 
  • Go kgwa mathe (lethe) – Go bakela go dira selo. 
  • Go kopanya theko – Go dikanyetsa. 
  • Go kopa tsela – Go kopa tetlelelo ya go tsamaya. 
  • Go kotlamanya mmele – Go boifa; go tshaba; go sisimoga. 
  • Go kwaaralala dinala – Go nna setshwakga. 
  • Go lala ka lobadi – Go lebala le go itshwarela. 
  • Go leka ka la ga Moše – Go tsamaya ka dinao. 
  • Go lelela kgama le ba mogogoro – Go latlhegelwa ke dilo tse pedi ka nako e le yosi ka ntlha ya go gaba se sengwe mme o itlhokomolosa sengwe. 
  • Go lema lopetleke – Go tshela kwa ntle ga kgoreletso. 
  • Go lemosa tlholwe moole – Go fatlhosa motho ka selo se a ntseng a se itse gale. 
  • Go lemotsha tholo mowela – Go tlhalefisa lesilo. 
  • Go loma ka meno – Go dira tiro ka bobotlana; go tlhoka bathusi. 
  • Go loma molomo wa tlase – Go leka bojotlhe ba gago. 
  • Go loma ngwaga – Go ja maungo a ntlha a ngwaga. 
  • Go longwa ke noga maoto mabedi – Go nna bonya ka go dira dilo e kete o a ikgoga. 
  • Go metsa mathe a le bolelo – Go eletsa thata. 
  • Go mutlha pudi tse pedi – Go leka go dira ditiro tse dintsi ka nako e le nngwe. 
  • Go na modiga – Go tewa pula ya medupe e e digang makotswana; go itshwarela; go nna kagisong. 
  • Go naya ntšwa tlhong – Go tlhoka ditlhong. 
  • Go neelela ka thibadimolekane – Go loa ka setlhare se se itsang go huma lefa motho a ka bapala jang. 
  • Go ngoba – Go bolola mo gae letsatsi le ya go phirima. 
  • Go nna ka mabogo – Go tlhoka tiro; go tshwakgafala. 
  • Go nna makgabe-a-dipapetla – Go itlhaganela thata; go ša pelo. 
  • Go nna matlhomatlho – Go tewa lekolwane kgotsa lekgarebe fa le kgatlhwa ke bontle ba makgarebe kgotsa makolwane, ka go latelana. 
  • Go nna motsoko wa bo mmankgodi – Go tlhoka mosola. 
  • Go nna phatsana ya modulaesi – Go tshaba go dira, go tswa setshwakga. 
  • Go nna tlhogo – Go nna botlhale. 
  • Go nona pelo ka mathe – Go nna mo tsholofelong thata. 
  • Go ntsha ditlhogo – Go abela malome wa gago. 
  • Go ntsha matlho – Go gola le go tlhalefa. 
  • Go ntshana se se mo inong – Go ratana mo go feteletseng.  
  • Go ntshetsa mabogo-mabedi – Go amogela ka pelo e tshweu. 
  • Go nyera marapo – Go tsielwa; go bisa go itse se o ka se dirang. 
  • Go nyoba – Go kolobetsa ka go gasagasa ka metsi. Go fafatsa ka metsi. 
  • Go opa mokgosi – Go gowa. 
  • Go otlhela monwana – Go golola yo o molato ka tlhagiso le kutlwanelo ya basekisi. 
  • Go phoka lefulo – Go ntsha lefulo; go bela ka go dira lehulo (bojalwa) gongwe moriana o o fetlhwang. 
  • Go phunyetsa pudungwane dintsi – Go bulela mmaba phatlha. 
  • Go rakanela mo letlalong la kgomo e ntsho Go kopanela le yo o ilanang nae kwa phitlhong ya mongwe wa losika la lona loobabedi. 
  • Go reba legala – Go fokotsa kgalefo. 
  • Go roba maoto – Go itapolosa; go nna fa fatshe go se kae. 
  • Go rwala masigo ka tlhogo – Go lala o tsamaya le bosigo; go phakela ka makuku a magolo go sa ntse go robetswe.  
  • Go thuba kobo segole – Go nna boiketlong, kagisong, monateng. 
  • Go tlosa lekwitikwiti – Go alola; go lelekisa. 
  • Go tobekanya tlhaloganyo (mogopolo) – Go bisa go akanya sentle. 
  • Go tsaya tsiya – Go tlhokomela. 
  • Go tshwarwa ka nenekwane – Go tshwarwa e seng ka maatlametlo; go tshwara ka matepe le go sa kgathaleng. 
  • Go tswa mokola – Go tswa madi ka dinko. 
  • Go rwala tlhogo – Go etelela pele. 
  • Go sera pelo – Go tlhodia ka sebaka se seleele. 
  • Go setela yo mongwe dimapo – Go mo ikanela; go mo thelelela thupana letshotelong. 
  • Go sibolola ditshoka – Go ntsha motho bosilo ka go mo itaya. 
  • Go sisa pelo – Go nna o hehesela mowa wa phegelo o tlalelana. 
  • Go sugela ngwana thari mpeng – Go bala dikokwana di ise di thubiwe; go ipalela selo se ise se diragale. 
  • Go thaakanya tsebe – Go reetsa sentle kwa modumo o tswang teng. 
  • Go thiba ka madi jaaka mmutlwa – Go itlhaganelela go naya lebaka go iphalosa mo molatong. 
  • Go tla motho mosogotlho – Go feta gaufi thata le motho. 
  • Go tlhaba – Go tseela lesika la gago sengwe. 
  • Go tlhaba kgobe ka mmutlwa – Go nna mo boitapolosong jo bogolo le boitumelo.  
  • Go tlhakanya molomo le nko – Go šakgala mo go tlhakaneng le go ngala. 
  • Go tlhaloganya ditlhaha le tlhogo – Go farologanya dilo tse di tshwanang gongwe batho ba ba ratanang thata 
  • Go tlhoka motho mafoko – Go kgopela yo mongwe. Go ngalela yo mongwe. 
  • Go tlhoma leitlho – Pelaelo ya selo sengwe. 
  • Go tlhaloganya lelwapa – Go alafa lelwapa, kgotla kana lebatla. 
  • Go tlosa dinao – Go itlhaganela. Go simologa ga tiragalo. 
  • Go tlosa phala letsoku – Go abela mohumi ba mabele, mabele; go tshwaela mohumi wa dikgomo, dikgomo. 
  • Go tsamaya le lerole – Go tlhoka go ikakanyetsa. 
  • Go tlhoka maitsetsepelo – Go tlhoka go ikakanyetsa. 
  • Go tsamaya ka mpa – Go nna makgasa ka go tlhoka diaparo. 
  • Go tsaya mmu ka marapo – Go swaba; go tlhabisiwa ditlhong. 
  • Go tseelana molelo – Go nna mmogo ka kagiso; go utlwana.
  • Go ikaba motlatla – Go tlhoka go ora letsatsi le go tlhabetse; Go sa ithuse fa o thusiwa. Go sa dirise tshono e tswa o e filwe.
  • Go itsalanya le setlhare – Go ema ka setlhare le go nna o itiketsa ka sone go iphitlha.
  • Go ja hularelabeno – Go itebatsa legae.
  • Go kgerisa yo mongwe – Go itshupa marapo ka go mo roma se se sa tshwanelang; go tshwenya thata.

Leave a Reply