Skip to content
- Go akga loleme – Go bua maaka kgotsa go raraga leleme fa o bua kgotsa go gakagana fa o sa bue boamaaruri kgotsa go buabua dilo kwa bathong ba sele.Â
- Go apeela thukgwi le mala – Go tlhakatlhakanya dilo – go tshwara ka meno. Go tshwara bothataÂ
- Go baya bobi matlhong – Go tsietsa – go fora. Â
- Go bipa mpa ka mabele – Go fitlha sephiri (bogolo jang e le go sireletsa motho yo o mo ratang); go falotsa mongwe.Â
- Go jaka ka loleme – Go natefelelwa ke dipuo tsa merafe e sele – o bo o bua jaaka bone.Â
- Go loma tsebe – Go sebela; go bolelela motho sephiri o mo tshepile.Â
- Go nna ditsebe di telele – Go rata mafoko a a sa go ameng.Â
- Go nna nta ya selomela kobong – Go nna letsipa. Go nna lemenemene/leferefere.Â
- Go ja motho direthe – Go seba mongwe; go bua motho maswe a sa itse.Â
- Go epela mongwe lehuti – Go mo senkela melato le dipitlagano ka boferefere.Â
- Go itlantla loleme – Go tlhoka mafoko a a supang bonneteÂ
- Go rothisa mmutla madi – Go bua sephiri; go feteletsa puo ya sephiri o sa tshwanela.Â
- Go itshela/nna moriti o tsididi – Go itira yo o sa itseng sepe kgotsa go sa tshwenyegeng. Â
- Go thelelela motho thupana letshotelong – Go lepa motho mo puong go fitlhela o mo tshwara ka mafoko gongwe ka sengwe fela.Â
- Go thibela phiri serobe – Go lalela motho ntekwane ene a dule, a tshabile.Â
- Go tsena leroleng la dikatse o sena dikatsana – Go tsena kgang o sa itse tshimologo ya yone.Â
- Go anegela bosane phefong – Go ikanya motho yo o se nang boammaaruri.Â
- Go nna loleme – Go aka thata. Go bua maaka ka gale.Â
- Go nna matlho mantsi – Go rata basadi kgotsa banna ba bantsi.Â
- Go apesa kobo ka letshoba – Go jela yo mongwe leruo le dilwana o be o di fetsa ka bosetlhogo.Â
- Go palama ka mekwatla ya ba bangwe – Go huma ka go tsietsa ba bangwe.Â
- Go bua gabedi o se mogama-lesole – Go tlhoka go tshegetsa lefoko la gago jaaka mogami wa kgomo e fusitse.Â
- Go fa moswang wa khudu e tona – Go dira ka go rata fa kgosi kgotsa moetapele a se yo.Â
- Go tsenya khadi monwana – Go senya; go tlhapela dijo tsa bagolo. Go itsenya mo mathateng.Â
- Go gopola ka kgamelo – Go gakologelwa gore motho ga a yo e setse e le bogologolo; go gopolwa motho fa go jewa.Â
- Go tshwarisa logaga – Go dirisa motho tiro e e sa tlhokegeng; go fora. Go solofetsa motho selo se se se yong.Â
- Go ikana motho dikgobe – Go ikana ka leina la motho e tswa o bua maaka.Â
- Go ja ka mpa tsoopedi – Go kgora; go ja thata.Â
- Go rwalela setlhako le mmutlwa – Go aga le baba.Â
- Go ja tlhogo ya tshwene – Go bua lo le mo sephiring.Â
- Go ja motho direthe – Go seba; go bua maswe ka ga motho.Â
- Go bolaya tlhogo e ntsho – Go tsietsa.Â
- Go ja motho nko – Go garumela motho. Go galefela motho.Â
- Go nna dinala di telele – Go utswa.Â
- Go mo ela ka dinakana metsing – Go tsietsa.Â
- Go ja motho leswe – Go sala motho morago a sa go bone.Â
- Go swela logapeng jaaka khudu – Go gana go tswa ka nnete.Â
- Go baya bobi mo matlhong – Go tsietsa; go fora.Â
- Go konopa ka dipheko – Go loa.Â
- Go isa ditsebe mafisa – Go reetsa dikgang tse di sa go ameng.Â
- Go itoma loleme – Go dikadika o sa tswe ka nnete.Â
- Go fetwa ke loleme – Go bua dikgang tse di sa go lekanang.Â
- Go nna loleme lo borethe – Go tsietsa batho ka puo.Â
- Go jesa motho dijo tsa ditoro – Go fora.Â
- Go lela dikeledi tsa mathe – Go itira yo o utlwileng botlhoko mme mo pelong o itumetse.Â
- Go bopela yo mongwe kgomo ya mmopa – Go pateletsa yo mongwe molato.Â
- Go swa ka molalatlhageng – Go gana ka nnete, le fa go twe o a sokaasokwa. Â
- Go tsewa ke ga e a lala e robetse – Go ya le dikakanyo tsa ba bangwe, wena o sa dirise tsa gago.Â
- Go epela yo mongwe lehuti – Go mo senkela melato le dipitlagano ka boferefere.Â
- Go ja motho lekekema – Go tsamaya le motho o mmapisitse mme ene a sa go bone.Â
- Go ja motho setlabetsi – Go tsietsa motho le ba ba mo tsietsang.Â
- Go ja nakaladi ya kobolela – Go ja more o o fitlhela o bodule; go ja sesolo se se dirilweng ke ba bangwe. Go ja monate o o o diretsweng.Â
- Go jelwa matlho a tshwene – Go direlwa bobe ke mongwe.Â
- Go kgaola mabogo – Go itsa motho go itirela sepe.Â
- Go kgaola maoto – Go itsa motho go tsamaela kgakala ka go mo tla.Â
- Go kopa ka leleme – Go aka gore batho ba go rate.Â
- Go latswa ka loleme – Go lopela; go aketsa ka go baka.Â
- Go loga segwe – Go dira maano a boferefere go tsenya yo mongwe mo mathateng.Â
- Go nna teme-pedi o se gopane – Go fetogela mafoko a gago; go aka.Â
- Go nna mafoko ka marago – Go fitlha mafoko; go tshegetsa sephiri.Â
- Go nna matsayaayisa – Go nna molotlhanyi yo o thulantshang batho ka ditlhogo ka go ba isetsa mafoko a totlhanyo le dikgobololo.Â
- Go nna sejelathoko – Go bisa go itumelela se o se fiwang; go nna pelotshetlha.Â
- Go ntshetsa maswe a dinala – Go dira botswerere bo bo feteletseng.Â
- Go palama ka mekotla ya ba bangwe – Go huma ka go tsietsa ba bangwe.Â
- Go rata dilo tsa ga Mmanapo, Mmanapo o sa mo rate – Ke gore o ila kgogo e tswa o ja mae a yone.Â
- Go robatsa mmutla – Go itira yo o robetseng e tswa o sa robala; go tshwara boroko ka dintshi fela.Â
- Go runa nta le makgantsetse – Go jela motho le go selasela mo go ka beng go mo saletse; go humanegisa tota.Â
- Go ruta magokonyane – Go tlhalefisa ka tsietso.Â
- Go nyela didiba – Go bua maswe ka ba ba neng ba go tshwere sentle.Â
- Go tshwara ka tsebe – Go akisa mosupi.Â
- Go thulanya ka ditlhogo – Go losa ba ba ntseng ba utlwana.Â
- Go tlhomola o le utlwa – Go utlwa manokonoko a botlhoko bo bo utlwilweng ke ba bangwe ba o neng o ba tshega.Â
- Go tsaya leano – Go loa ka go alafa mmu o o gatilweng.Â
- Go ja ntsoma – Go dirisa motho mo dilong tse di ungwelang wena fela.Â
Related