Lenyalo

Lenyalo la Setswana le diragadiwa ka tsela e telele mme tsela e, e laolwa ke balosika loolekawana le ba loolekgarebe ba ba tlhophiweng. Boolekawana ke bona ba ragosang ditherisano le go ya kwa lapeng la boolekgarebe, mme boolekgarebe ba tlaa arabela thomo ya boolekawana.

1. Paakanyetso ya Bogadi

Jaaka re tlhalositse fa godingwana, boolekawana ke bona ba ragosang ditherisano tsa bogadi. Pele go tsenwa mo ditherisanong tse, lekawana le tlaabo le lopile lenyalo mo go lekgarebe, mme lekgarebe le dumetse. Lekgarebe le tlaabo le itsisitse batsadi gore lekawana le ikaelela go nyala. Jaanong fa tse di diragetse, boolekawana ba tlaa itsise boolekgarebe gore ba eletsa go tla kwa gaabo lekgarebe go tla go rera bogadi. Mo malobeng, pele ga paka ya thekenoloji, tlhaeletsano e ne e dirwa ka lekwalo, le le neng le romelwa ka moromiwa a kgweetsa kariki ya ditonki, ke ka ntlha eo tsamaiso ya lenyalo e neng e le telele jaana. Moragonyana lekwalo le ne le romelwa ka poso. Gajaana mo nakong eno ya thekenoloji, tsotlhe tse di dirwa ka mogala, le ka emeile, le gale kwa metsemagae mangwe, go santse go latelwa tsela ya maloba, ya lekwalo.

2. Ditherisano tsa bogadi

Jaanong fa go utlwanetswe letsatsi la ditherisano, boolekawana ba ba tlhophilweng ba a bolola go ya go boolekgarebe go tsenela ditherisano. Mo malobeng, lekoko le, le ne le akaretsa palokgolo ya borre, Ntlha e, e ne e tlholwa ke gobo bogologolo go ne go dumelwa gore borre ke bona ba kgonang go rera mereromegolo ka gobo e le bona ditlhogo tsa malapa, e bile e le bona ba yang kwa kgotleng, fa seabe sa bomme e ne e le go tlhola mo gae, go tshola le go tlhokomela bana. Mo segompijeno metlha e fetogile ka gobo bomme ba jaanong ba a dira le gale le gajaana go santse go dumelwa gore malome o tshwanetse go nna teng ka gobo e le mojaditlhogo. Malome mo Setswaneng o santse a newa karolo e kgolo fa go tla mo mererong ya lenyalo le ya loso.

Gale baromiwa ga ba ye ba itshopere, ba ya ba tshotse sephuthelwana sa madi a a bidiwang “pulamolomo”. Bogologolotala ba ne ba tlaa ya ba gapile dikgomo di le mmalwa. Pulamolomo e, e begiwa kwa kgorong ya boolekgarebe. Fa e amogetswe, baeng ba a amogelwa. Mo matsatsing a gajaana, boolekawana fa ba sena go amogelwa mme ba dula fatshe, ba ntsha lebotlolo le legolo la matute a morara go lebogela kamogelo. E ka nna Whiskey kgotsa Borandi. Maikaelelo ka ga seno sa tlhotlhwagodimo ke gore boolekgarebe ba se ba nyatse kgotsa go ba tseela fatshe.

Ditherisanono tsa bogadi gale di itsiwe ka terama e kgolwane. Sa ntlha, boolekgarebe ba tlaa bitsa lekgarebe go mmotsa gore a o itse baeng ba, le gore o itse le go dumelana le morero o ba tlileng ka ga ona. Fa lekgarebe le dumetse, ena le mmaagwe ba ya kwa boapeelong go ya go siamisa diyamaleng. Go botlhokwa go itse gore mmaagwe lekgarebe ga e nne karolo ya dipuisano. Setso sa Setswana se santse se dumela gore mmaagwe lekgarebe o tlaa dia ditherisano ka gobo a sa batle go kgaogana le morwadie. Mmaagwe lekawana le ena ga e nne karolo ya lekoko ka gobo ka Setswana, ke moila gore mmatsale a itatele ngwetsi.

Jaanong terama e a simolola. Terama e, e tlholwa ke gore boolekau ba batla gore tlhotlhwa ya bogadi e nne fatshe, fa boolekgarebe bona ba batla gore e nne godimo. Moso otlhe go tlaabo go ngangisanwa, lekoko lengwe le lengwe le neela mabaka go tshegetsa dintlha tsa lona. Gale go buiwa ka ga maemo a thutego, semelo le thoto e sebedi se, se tlang ka yona. Mo terameng e, fa go nna le pelaelo nngwe, makoko oomabedi a tlaa kgaogana go ya go itsheba fa thokonyana, morago a tlaa boa go bona gore ngangisano e ka rarabololwa jang. Kgankgolo ka ga terama e, ke go netefatsa gore dintlha tsotlhe di a utlwanelwa gore kwa bofelong go fitlhelelwe tumalano. Mo makokong ano, go nna le sebueledi se le sengwe se se tlhophilweng, ba ba se felegeditseng ba tlaa tlaleletsa fa go tlhokega.

Le fa terama e, e ka tsaya tsatsi lotlhe, kwa bofelong go tshwanetse ga nna le tumalano. Gale bogadi ga bo feleletswe ka tsatsi le le lengwe. Boolekawana ba tlaa baa mo tafoleng se ba tlileng ka sona mme ba tlaa solofetsa go feleletsa pele ga letsatsi la keteko ya lenyalo. Mo malobeng, morago ga ditherisano tsa bogadi, go ne go bewa letsatsi le lengwe la go feleletsa bogadi, mme se, e ne e nna moletlo o mongwe o o bidiwang “Tlhabisabogadi”. Moletlo o, o ne o tsenelwa ke boolekgarebe le boolekawana botlhe, mmogo le ditsala tsa botlhokwa. Mo nakong ya gajaana, morago ga go utlwanela letsatsi la moletlo wa lenyalo, moletlo wa tlhabisabogadi, o tshwarwa letsatsi pele ga moletlo wa lenyalo, kwa gaabo lekgarebe, mme e nna pitso e le nnye ya malapa a le mabedi, go akarediwa le batsadi, go konosetsa tuelo ya bogadi. Se se tlholwa ke gore maemo a ikonomi a gajaana a gapeletsa go fokotsa ditshenyegelelo tse di sa tlhokegeng.

3. Moletlo wa lenyalo

Letsatsi la moletlo le utlwanelwa ke lekgarebe le lekawana, mme moletlo o ketekelwa gaabo lekgarebe. Ono ke moletlo o mogolo oo mo go ona go lalediwang botlhe, masika, ditsala, baagisani le bakaulengwe. Ka tsatsi le, go ya go binwa, go opelwa tsatsi lotlhe. Lekgarebe le lekawana, mmogo le bafelegetsi ba bona, ba tlaabo ba apere diaparo tse di galalelang. Go ya go jewa dijo tsa mefutafuta. Mo nakong ya bogologolo, moletlo wa lenyalo o ne o begiwa kwa kgosing, mme kgosi e nne yona e laletsang morafe. Kgosi e ne e le yona e tlaa tsamaisang tirelo ya moletlo le go kana monyadi le monyadiwa.

Moragonyana fa baruti ba moseja ba sena go itelekela mono Aforika, ba tla ba tshotse lefoko la beibele le sekeresete, Batswana bangwe ba latlha setso mme ba tswa mo go begeng moletlo wa lenyalo kwa kgosing, ba o bega kwa kerekeng ka tsela e e neng e bidiwa “digaboi”. “Digaboi” tse, di ne di begiwa disontaga di le tharo pele ga moletlo wa lenyalo. Gajaana ka gobo dinako di fetogile, moletlo wa lenyalo o begiwa ka taletso ya megala le inthanete. Go feta fa, moletlo wa badumedi o simolola kwa kerekeng, fao banyadi ba tlaa tsayang kano fa pele ga moruti go ya ka tsamaiso ya sekeresete.

4. Kgoroso ya ngwetsi

Fa moletlo o konoseditswe mme letsatsi le ela go phirima, jaanong ke nako ya gore ngwetsi e phuthe ditsaagwe le go ipaakanyetsa go ya bogadi go ya go nna karolo ya baabomogatse..Ngwetsi e ya go gorogela ga mmatsale, e bong legaeng la lekawana, le jaanong e tlaabo e le mogatse. E ya go felegediwa ke mme kgotsa ba le babedi ba ba tlhophilweng ke mmaagwe gore ba mo gorose kwa bogadi. Pele ngwetsi e bolola, balelapa la gagwe ba a mo laya, ba mo fa maele a gore a itshole jang kwa bogadi, le gore a tlotle mogatse gore a age lapa le le tiileng.

Fa a goroga kwa bogadi go tlaa nna setlhotshwana sa bomme go mo amogela le go mmontsha marobalo a gagwe le mogatsaagwe mmogo le go baakanyetsa ba ba mo felegeditseng.

Moso wa le le latelang, ngwetsi e tshwanela go tsoga phakela ka mahube a banna go neela babogadi mogodungwana, go feela lebala le go baakanyetsa difitlholo. Morago ga difitlholo le go phutha fa le fale, jaanong go baakanyetswa moletlo wa go amogela ngwetsi. Maikaelelo ka moletlo o ke go itsise ngwetsi balelapa laabomogatse mmogo le go mo itsise meetlo le tsamaiso tsa fa bogadi. Merafe e mengwe ya Bantsho e dirisa moletlo o, go abelana dimpho. Go tlhophiwa balelapa laabomogatse ba le mmalwa ba ngwetsi e tshwanetseng go ba abela dimpho. Gale ba abelwa dikobo botlhe, nako dingwe rratsale a ka abelwa jase le molamu. Tlwaelo e, e atile mo merafeng ya Mazulu le Mathosa. Batswana ga ba itsewe ka go latela tsamaiso e. Mo Batswaneng, batsadi ba lekgarebe ba rekela morwadiabona mpho ya go mo felegetsa go ya bogadi. Gale e nna mpho e e tlaa mo tswelang mosola, jaaka bolao kgotsa sete ya dipitsa.

Jaanong ngwetsi e gorogile, le go amogelwa mo bogadi. Le ke lelapa la gagwe le lešwa, mme o ya go diragatsa setso le tsamaiso tsa lelapa le ka gobo a fetotse le sefane mme a ipitsa ka sa bogadi.

Go botlhokwa go tlhalosa gore tsamaiso ya lenyalo e e tlhalosiwang fa, ke ya paka e mo go yona makawana le makgarebe a setseng a newa tšhono ya go itlhophela balekane. Kwa Setswaneng sa bogologolotala jwa ga Bile, makawana a ne a batlelwa sego sa metsi ke batsadi, mme e bile nako dingwe go batlelwa mo lesikeng, e ka nna ngwana’a malome kgotsa ngwana’a rakgadi. Lekawana le ne le itsisiwe ke batsadi gore ba mmonetse mogatse, le gale moletlo wa lenyalo le kgoroso ya ngwetsi ga di farologane jalo. Go na le pina e e tumileng le gajaana mo merafeng ya Batswana e e reng “Ngwana’a malome nnyale, kgomo di boele ‘sakeng.

Leave a Reply