Fa o lora ka dinonyane, go ka kaya dilo di le dintsi tse di farologaneng. Fa o ka di utlwa di opela, go raya gore go na le mathata aa tseleng. Fa o di bona di fofa godimo ga tlhogo, gone go kaya fa o tsiediwa ke batho ba o neng o akanya gore o ka ba tshepa. Fa o ka di bona kwa sekgweng, go raya gore o tlile go utlwa dikgang tse o neng o sa di solofela. Fa o ka lora ka dinonyane tse dikgolo, go kaya katlego fa e le gore o humile mme fa o ka lora ka dinonyane tse di dinnye go kaya katlego fa e le gore o a tlhoka kgotsa o humanegile.