Ga Modimo ga go itsiwe – Go rata, go aba, go fa motho go tswa Modimong ka thato ya one.
Go a re go bisa go bitsa motho, go bitse Modimo – E a re go gopola motho ka pelo go go tlhaga thuso, motho yoo a tlhage a sa bidiwa ke ope mme a go thuse.
Goora-motho go thebe phatswa – Ka molemo le kutlwelobotlhoko gaeno go gaisa ditulo tsotlhe. Gaabomotho ke kwa e a reng a le gone a ikutlwe a lokologile mo moweng.
Maikaelelo a ngwana ‘a motho, maila go bakwa – E a re motho a itlhoma a dira tiro, a se e direle go tlotlomadiwa.
Modimo ga o ke o oja nkabo – Modimo ga o lefufa.
Ya re go bisa go bitsa motho go bitse Modimo – E re motho a eletsa go bona yo o tlaa mo thusang, a goroge a sa bitswa ke ope.