Diane ka go dira se se siameng le se se tshwanetseng

  • Bogwera bo a rulaganelwa – Motho yo o itlhokomolosang ditiro le tshwanelo tsa gagwe e a tle e re ka moso bana ba gagwe le bomonnawe ba mo dire sone selo seo.
  • Bojang jwa pitse ke jo bo mo mpeng, jo bo mo ganong e swa e bo fupile – Tlamarela se se mo seatleng sa gago gona le se o sa ntseng o se batla. Thoto ya motho ke e a e bapetsweng, e e seng mo diatleng tsa gagwe ke ya botlhe.
  • Dikgomo le dihutshane, ke mogokitla, o etla o dula – Dikgomo le dipodi di ntsifala ka go kokotlediwa le go itlhabela.
  • E bonwa ke motsogapele, motsogamorago ga a e bone – Khumo e bonwa ka go huhulelwa e seng ka go nnela tapologong ruri.
  • Ga e ke e bopa marota a le mabedi – Go tewa poo; motho ga a ka ke a tshela sekau le segologolo ka nako e le nngwe fela.
  • Go nwa tse di tšhotšhwa, tse di dinaka di faralala fela – Ba ba tshelang matshelo a a tlhamaletseng ba a tswelela. Ba ba magokagoka ka ntlha ya ditiro le mekgwa tsa bone, ba retelelwa ke go bona tswelelopele.
  • Kgole ya motho, ga e ke e tlhoka sebofo – Ga a yo motho yo o se nang tiro; difofu, digole, dimumu, di ntse di re thusa ka sengwe.
  • Khudu e nnyela morwadi – Motho o ja mofufutso wa phatla ya gagwe.
  • Kobo e sugwa ke mong wa yone – Gore tiro ya gago e dirwe ka tshwanelo, itirela ka bowena.
  • Madilo o ipaya ka go dilola – Motho o itshupa ka ditiro tsa gagwe.
  • Maithutathutwane ga a tshegwe, go tshegwa yo o ntseng fela – Yo o lekang bojotlhe a se tshegwe, go tshegwa yo o ntseng fela.
  • Mala ga a tsholwe ke setshwakga – Fa o batla go nna o kgotse, dirisa mabogo.
  • Mogama sephitshana sa mariga, ke ene moseokomedi – Yo o gamang thothi ya maswi a mariga ke ene a itseng gore a kana ka eng. Molaodi wa selo ke ene a itseng seelo sa bontsi kgotsa bonnye jwa sone.
  • Molato o sekwa ke ditshoswane – Le boeseng-mang ba na le tshwanelo ya go thusa go sekaseka mafoko a tsheko.

Leave a Reply

Ikwadise mo go FB Ikwadise mo go Whatsapp Ikwadise mo go lekwalodikgang la rona