Skip to content
- Ga e se koo, ke kwano! – Mathata a fitlhelwa mo lefatsheng lotlhe.
- Phokoje a re bontsi bo ntsha mangana – Go tsaya dilo ka bontsi go tlhola tiro e ntsi kgotsa e e fekeetsang.
- Phuduhudu e e thamo-telele e goalalela melamu e se ya yone – Fa o itsenyatsenya mo dikgannye tsa batho, di fela di tshwere wena.
- Wa re o tshaba e dumang wa tshabela go e letseng – Go tswa kwa seemong se se sa iketlang mme wa tshabela kwa go leng kotsi thata.
- Dinaka di sita baletsi – Go tsena mo mathateng.
- Motsetse o ja ka letsogo – Go maswe; go thata.
- Mpuru o faretswe – Go maswe; go thata.
- Ga e ne e a komakoma – Go thata; go dubegile.
Related