Dibaga di tloga baaparing, di ya bafololeding – Ditshwanelo di fapoga ba di ba lebaneng di ya go ba di sa ba tshwanelang.
Ditlhare di na tsotlhe – Ga go na gope kwa go se nang mathwenyego; rotlhe re dira diphoso.
Fa metsi a kgoberega, a a bo a kgoberegela gore kwa morago a itsheke – Dipitlagano le mathata ka gale di latelwa ke boiketlo le kagiso.
Go tsamaya bobe ke go lata diphatsa – Go tsamaya thata ke go italetsa mo matshwenyegong.
“Ke bonye” e tshwana le “ke tlholetswe” – Motho yo o wetsweng ke masisapelo ga a ke a tlhoka go gopola gore o tlholetswe ka go loiwa.
Mogoga o moleele o tsosa phiri – Tiego e ntsi e tlhola tatlhegelo.
Moipolai ga a lelelwe – Yo o itsenyang mo mathateng, ga a a tshwanele go utlwelwa botlhoko.
Monewa ga a na tsala – Motlhoki o bifelwa ke botlhe.
Monwana wa tlala, o omela kobong – Mo dipakeng tsa tlala, go apewa bosigo fela. Fa go na le tlala, e a re bosigo e patwe ka boroko.
Morebela o sa thubegeng ke wa lentswe, wa motho o a thubega – Botshelo jwa motho ga bo popota go ka senyega, se se popota ke se se sa tsheleng jaaka lentswe.
Nta e raletse molelo – Mathata a oketsega o sa akanya. Go dubegile. Metlholo!
O tswa e dumang, o ya e dumang – Go tswa mo mathateng go lebagana le a mangwe fela.
Sa ga tÅ¡hootÅ¡hoo ke se ledile gale – Ke a ne ke sa le ke le mo khutsafalong.