Diane ka ga legae

  • Ditsa-bana ba mpa ga di tsenwe – Mafoko a ba lesika a baakanngwa ke bone e seng ke ba sele.
  • E a re go tsalwa le sebe, e re se ota le wena o ote – Fa wa lesika la gago a tshelela mo kutlobotlhokong, o tshwanetse go utlwa botlhoko le ene.
  • Goora-modubu ke kwa nokeng – Modubu: Setlhare sa noka. Gaabo motho ke kwa a ka bonang go tshela teng.
  • “Ke a ja” o bonwa ka menono – Mokgori kgotsa motho yo o itsholetseng o bonwa ka go nona le ba ntlo ya gagwe.
  • Kgabutle ga ke a feta gaabo a re go tlala – Motho ga ke a bifela lesika la gagwe. Motho ga a ke a itlhokomolosa gaabo ka ntlha ya matshwenyego le botlhoki jwa bagaabo.
  • Korwe ga ke je, ke bapalela tsetse – Monna e a re a ja a e tle a gopola go beela mosadi le bana.
  • Manong a ja ka losika – Mo ditirong tsa botshelo go gopolwa ditshika pele.
  • Maropeng go a boelwa, go sa boelweng ke maleng – Se boife go boela kwa o neng o tshedile monate teng fa kwa o hudugetseng teng go le maswe.
  • Metsi a lekanye dipota – Metse ga e tshwane, e tshwana ka matlo fela.
  • Ngwana ntae ke go laye, tlhogotshweu ga se molao – Ngwana le mogolo ba ka ithuta dilo ka go lekana. Bogolo ga se gore o itse sengwe le sengwe ka metlha gape le gore o tlhola a bua boammaaruri.
  • Poo ya bogwe e tlhaba ka lonaka e iname – Tshiamololo ya wa lesika la gago ga e ka ke ya utlwisa botlhoko jaaka ya motho fela
  • Kgosi e roba morafe – Kgosi e itshedisa ka dithata tsa morafe wa yone.
  • Motsamai o ja noga – Motho fa a etile o ja se a fitlhelang se jewa.

Leave a Reply

Ikwadise mo go FB Ikwadise mo go Whatsapp Ikwadise mo go lekwalodikgang la rona