Diane ka ga go tshola batho

  • E re go lomeletsa Kgatoe, wa tla wa tshoga ka a tsetse – Motho yo o tshegwang ka go bo a sena sepe, gantsi o fiwa ke Modimo.
  • Ere o fitlhela pina e binwa, o e bine – Tlotla mekgwa le melao ya batho ba o gorogetseng mo go bone.
  • Ere o ntima, o mphele ngwana – Fa o sa fe motho mme o fa ngwana wa gagwe, ke mokang o mo fileng.
  • Kgosi thipa e sega molootsi – Kgosi e otlhaya ka molao o o botlhoko le ene yo yo e etleetsang mo go otlhaeng ba bangwe.
  • Lentswe (lefoko) la kgosi le agelwa mosako – Se kgosi e se buang se tshwanetse go reediwa.
  • Lesago la moeng, le bewa ke mong gae – A beng ba amogele baeti ka pelo tshweu.
  • Moeng ga dilo pedi – Moeng o tshwanetse go nna le maitseo a a siameng.
  • Moeng wa mariga o adingwa mpa – Ka dikobo di tlhaela mariga, moeng o tshwanetse go lwala a filwe thata; mo marigeng motsamai o itseela kobo.
  • Moeng goroga, re je nama – Moeng yo o amogelesegileng o tlhabelwa sengwe.
  • Moeng ngaka, o sidila babobodi – Fa moeng a ka etela molwetsi, o tle a fole.
  • Moeng o dinaka dikhutswane – Moeng o tshwanetse go tlhopha mafoko a gagwe a bisa go bua thata.
  • Molomo o o jang o roga o mongwe -Fa o ja dijo ga o a tshwanela go tima o mongwe.
  • A e ne modiga – A go nne kagiso.

Leave a Reply

Ikwadise mo go FB Ikwadise mo go Whatsapp Ikwadise mo go lekwalodikgang la rona