Bana ba tshipa ba tsaya tsela e le nngwe fela, ba kgaoganngwa baba ba mogotlha – Kopano ke maatla; Fa bana ba motho ba thusana sentle, le baba ga ba ka ke ba ba tlhasela bonolo kgotsa go ba tsena gare.
Bobotlana bo jesa tlhako le manyenyane – Bobotlana bo ntsha motho mo maikaelelong; bo tshwarisa bothata. Gantsi motlhoki ga a na boitlhophelo mo go se a se eletsang.
Bojang ga bo bofane – Badirammogo ga ba ilane, ga ba fufelane.
Bongwefela ke bobedi, boraro ke bone bobedi – Go diphatsa go tsamaya o le esi, mme go botoka go nna bararo go patana.
Ditlhaka di gana bajadi – Motho o tle a ithorome bathuse ba gagwe, a ye go thusa ba ba iseng ba mo thuse ka sepe.
Feta re ye koo, ga se ya ga ope – Motsadi le ngwana ba tshelela go thusana dipakeng tse ba se nang thata ka tsone.
Ga go lekanwe, go se meno (matlhao) – Batho ba fetafetana ka dimpho tsa Mmopi.
Ga go mogakajwane o se keng o nnelwa sebibi – Motho ga ka ke a tlhoka yo o lelelang loso la gagwe gotlhe gotlhe.
Ga le ke le epa le kgatlhana, e se la diphologolo – Go tewa letsholo; ke la diphologolo fela le le iwang ke batho ka mogopolo o le mongwe fela: la go bolaya motho le tle le thubege go sa solofelwa.
Ga ke thata ke le nosi, ke thata ka lentswe – Kgakololo ya batho ba le bantsi, e gaisa ya motho a le mongwe fela.
Go fetanwa go dirwa mmogo – Go tshwaraganela tiro ke gone go nayang sebaka sa gore yo o marapo a thata a itshupe.
Go re photi ntlo, o je letlhodi – Go bitsa motho gore a tle go ja dilo tsa gago.
Kgano le kgaka, poloka ga se ya ba babedi – Yo o mmolokang jaanong, kwa pele a ka nna a go boloka gongwe a go latlha.
Kgetse go tlala ya lesilo – Motho ga a omanyediwe ruri gongwe ruta motho go itirisa ka esi.
Lemena la ka-digela-kwa-morago, ke nne ke bone meabo ya bangwe – Lemoga ba ba go direlang molemo pele fa o direla mongwe le mongwe molemo.
Lesilo le kgomo, ga le tlhaleswe – Yo o ikanelang gore ga a ke a kopa thuso mo go radikgomo o a itatlha. Motho le fa a nyatsegile kgotsa a tlhoilwe jang, fa a na le kgomo o a itshokelwa.
Letsema le epa le bona mong wa tshimo – Tiro e direga sentle mong wa yone a le mo teng ga yone.
Letsema le thata ka mong wa lone – Yo o phuthileng batho go tla go mo thusa mo tirong, ke ene yo o tshwanetseng go dira bogolosegolo a ba etelela pele.
Mabele maamusa botlhe – Mabele sejo se se otlang botlhe.
Mabogo a mantsi ke a rata tirong, dikgobeng ga ke a rate – Bontsi bo tlhofofatsa tiro e tswa dijong bo opisa motho tlhogo.
Mabogo dinku, a a thebana – Batho tota ba a thusana; ba a fana.
Maokaneng go tsenelelwa gongwe – Mo tirong le mo dijong batho ba tshwanetse go simolola ka nako e le nngwe fela.
Matlhogojane rokela banneng, e re fa sedibo (setsiba) se tlala ba tle ba se go thuse – Mo mathateng a dikakanyo, o kope banna ba go akantshe.
Matsogo a a tlhapisana – Go fana ke selo se sentle.
Melamu e mentsi e tlhaletsha dipelo tsa bagale – Lesomo le thatafatsa dipelo tsa batlhabani.
Mhi (mofi) o fa mhi-ka-ene – Motho go fiwa yo o fang.
Monaya se, ke moja se – Fa o na le go salelwa ke sengwe, o ka nna wa abela ba bangwe.
Mong wa thipa ga ke mo lebale, ke lebala mmesi – Fa motho a go adimile thipana e re o e busa, e boe le nama; go tima mmesi ke molato o monnye mo go fa o bapisa le wa go tima mong wa thipa.
Monna a sa yeng letsholo la mong-gae, le ene ga a ke a ya la gagwe – Motho o thusa yo a tleng a mo thusa.
Montsamaisa bosigo ke mo leboga bo sele – Yo o nkemang nokeng ke le mathateng, ke mo leboga segolo fa ke setse ke falotse.
Noka e tlatswa ke dinokana – Nonofo ya motho e tswa mo thusong ya ba bangwe.
Nonyane e nala-di-ntlha ga e na lešomo – Motho yo o tlholang a na le mathata/dintwa ke motho yo o tlhokang ditsala.
Ntsi di okwa ke boladu – Batho ba rata go kgobokanela kwa ba tleng ba bone dijo teng.
Tsebe go kgaoga e tlatsa e nngwe – Letlhaku le leša, le agelelwa mo go le legologolo
Tshwana puleng di a raga jaaka nare tsa gabane – O naganele bangwe mme o ba utlwele botlhoko
Tshweu ga di tswane, ntsho tsone di a tswane – Ka gale Basweu ba a thusana fela Bantsho bone ga ba thusane.
Tsie e ja ka bontsi – Tiro e motlhofo fa e kgobokanetswe.
Setubi se a bo se itubela – E a re motho go tshega yo mongwe le ene a diragalelwe ke selo seo.