Skip to content
- Bodiba bo tšhele ke ntse ke bo lebile – Khumo kgotsa sengwe se se letlotlo se nyeletse se ntse se lebilwe ka matlho.
- Ditlhale di fedile merutseng – Kakanyo e eme fela; ga go itsewe se se ka diriwang.
- E a re ngaka e reteletswe, go alafe ngakana – Fa o palelwa lesa ba bangwe ba leke.
- E se nang meno, e lomelwa ke mogolo a yone – Go tewa ntšanyana mme go tewa motho. Motho fa a palelwa o kopa thuso.
- Ga go nko e tswang lemina – Go thatathata.
- Go tsena tse di tšhotšhwa, tse di dinaka di faralala di thame – Go kgona bahumi, bahumanegi ba a palelwa.
- Loleme lo mabela, lo a re, “nthwesa”, lo bo lo re, “nthole” – Loleme lo bua sengwe le sengwe se mmele o ka se ka wa se kgona.
- Mothudi ga a na thipa – Motho yo o itseng tiro ga a ke a itirela bontle.
Related