Bo kojwa fela ba ga Rampeile – Monate o o batlang sebete jaaka tsina ya dinotshe.
Dinwang di a dibosana – Borathata ba thusa boeseng-mang. Batho fa ba tshwaraganetse tiro ba tshwanetse go nna sebaka sa dira.
Tshika go ja tsoo-moapei – Yo o nang le diatla tsa go dira, ga a ka ke a bopamelwa ke bana.
E a re go lelela bogwete, e lesiwe e bo je – Motho fa a rata go dira sengwe kgatlhanong le dikgakololo tsa ba bangwe, o tle a lesiwe.
Lerotse la makopo ga le na kgodu. Se se bonweng ka kopo se fela go sa twe sepe kgotsa ka bonako.
Mmadipodi ga a ipone se se mo tlhogong – Gantsi motho ga a ikitse diphoso.
Mmamontsi fa a lela, mmotlana o a kolopa. Motho a sena bathusi a ka nna a dira tiro e e fetang ya yo o nang nabo.
Mmapatsi phokwana, o tsamaya a ntshitse – Morekisi o tshwanetse go tsamaya a tshwere se a se rekisang.
Mmoa-ka-sa-gagwe, ga e se molotsana – Motho fa a fetogela selo sa gagwe, o a bo a bone se sengwe.
Mmopi o jela ka lebeana (lophegwana) – Gantsi setswerere sa go bopa dinkgwana kana sa eng fela, ga se itirele sepe.
Mogami o anya morokotso – Modisa o itshwaela mo motlhapeng.
Mogatsa moatla, ga a onalelwe – Mosadi wa monna yo o nang le diatla, o a ja, e bile o apara sentle.
Mohuhutso wa phatla o a jelwa, wa kgodukgotswane ga o jelwe sepe – Yo o dirang o ja mohuhutso wa phatla ya gagwe, setshwakga se bolawa ke tlala.
Mohula o na le waabo – Motimani o a bo a ntse a na le ba a ba fang.
Mokoduwe wa kgomo go tsosiwa o o itsosang – Motho go thusiwa yo o ithusang.
Molomo o bina, o a bo o roga o mongwe – Yo o jang o ntsha ba bangwe pelo.
Monna a sena kgomo mosimane – Monna yo o se keng a disa dikgomo o fiwa dinama tsa basimane.
Monna ga a ipolele, o bolelwa ke ba bangwe – Mogale ga ipoke, o bokwa ke megajane.
Monwana ga o ke o itshupa – Motho ga a ka ke a ipega molato, o o bonwa ke ba bangwe.
Ngwana wa mosimane o bolawa ke se o se jang – Yo o sa direng ka thata, ga a nke a nna le sepe.
Ngwana e a re go lelela legodu a le newe – Motho yo o gakalelang go dira selo se a se ilediwang, go botoka a lesiwe, a se dire.
O se tsenye noga mo kobong, e tlaa re e thutafalelwa e go lome. Se neele motho tetla ya go go gatelela ka moso.
Phiri go e e naiwang – “Motho go tshela yo o thata. Moswi e ne e le mongwe wa batsadi ba ba godisetsang bana mo tirong le mo kitsong ya gore phiri go ja e naiwang.”
Popapopa e a ipopaganyetsa, phatlaphatla e a iphatlalaletsa – Yo o kokotletsang o a ikokotleletsa, yo o phatlalatsang, o a iphatlalaletsa
Tlala ga e laye, go laya serame – Ba ba falotseng tlala ba lebala fa kgora e tlile; ba ba sitilweng mariga, ga ba lebale go reka dikobo.
Tshwene e e boboa bo ntlha e a ikilela – Motho e a re go ikitse mekgwa e e sa siamang, a ikgaphe mo bontsing jwa batho.