Diane ka ga go godisa bana

  • Bana ba bua le Modimo – Bana ke madi a a se nang molato.
  • Bana ba kgori, monokwana o seng, tshika e ya baneng e a kgaoga – Bana ba batho ba ba tsalanang gantsi ga ba tlwaelane, ba itsana. Gantsi fa tshika e gola, bana ba motho ba a amologana.
  • Bana ba tadi ba itsiwe ka mereto – Bana ba motho ba lemosega ka maitseo a bone.
  • Bana ba tladi ba anyela leratleng – Bana ba motho ba tlwaela leratla la gagwe. Fa motsadi a le bosilo mo baneng, e a re fa go ile ba twaele go nna ba omanngwa.
  • Bana mamphorwana, maatlhamela babolai – Bana ga ba itse le yo o ka ba bolayang.
  • Banna ga ba na thwadi, ba bonwe ke Mmamariga – Banna botlhe ke baaki. (thwadi-boammarure)
  • Botlhale jwa phala bo tswa phalaneng – Ngwana fa a setse a godile o tswa mogakolodi wa motsadi wa gagwe.
  • Dipaba di tsogetsa badisa nageng, tsa feta tsa ja borraabo kwa gae. Bana ba dira melato kwa ntle mme e pegwe batsadi godimo.
  • Poo tsa bogwe, di lwa di iname – Bana ba motho ba lwa ba tla ba boifana.
  • E ipotlapotla e bona morwadi – Ngwana o betologa fa a itse gore o tlaa rapelwa.
  • E e maswi ga e itsale – Bana ba ka nna ba tlhoka go gotsa molemo wa batsadi ba bone.
  • E nyemanyema e bona mmelegi – Ngwana gongwe motho o iteseletsa fela mo botshelong fa a na le yo a ka mo direlang tsotlhe.
  • Ga e dume e tswa lerung – Ngwana wa mogale, o itshupa ka bogale.
  • Ga e ganane e le teng fela, le e e ntle e a ganana – Go tetwa tsalo: Motho fa bana ba gagwe ba sa tsalega, o tshwana fela le yo o ganneng ke tsalo, ke gore, yo o senang bana.
  • Ga e ke e ja ngwana e sa mo tsala – Ga e ere motho kgotsa ngwana a tshabetse mogolong a abelediwe mo go ene.
  • Ga go a twe tima mogoloo, ga twe se roge mogoloo – Bana ba mpa ba a fana.
  • Ga go ke go twe o gola leng, go a twe o tsalwa leng – Ngwana a setse a tsetswe, ke motho.
  • Ga go motsomi o jang sa yo mongwe – Motsadi yo o tshwaetseng bana dikgomo e ka nna ya re ba mo tima ga pereko ya bone, a ja dikgomo tsa bone.
  • Goo-segole ga go lelwe – Ga e re ngwana a tsetswe e le segole go utlwiwe botlhoko jaaka fa a ka bo a sule.
  • Go ubela tshipi bobe ke go e tlosa matlhagasu – Go omanya ngwana gantsi go mo tlhokisa tsebe.
  • Ka tlhagolela mookana, ya re o gola wa ntlhaba – Ka godisa ngwana mme ya re a godile a mpataganela le baba kgotsa a ntlhanogela.
  • Kgogwana go swa e tsaeng, e e kwa ntle e a ipapalela – Masielana a mannye a ka bolawa ke tlala, a magolo a a intshenkatshenkela.
  • Kgomo ga e ke e tlhaba mong wa yone – Ngwana wa tota o tlotla motsadi go ya losong.
  • Lefifi le jele ngwana wa lone – Motho yo o maswe yo o rutang bana ba gagwe bosula o ba itlhaganedisetsa lesong gongwe kgolegong.
  • Lefifing go tshwaraganwa ka dikobo – Bana ba masika ba itsana le mathateng.
  • Ina-lebe seromo. Leina le le maswe le dira ngwana gore a le tshwanele – Leina le lebe le dira gore mong wa lone a sale bokao jwa lone morago.
  • Lemphorwana le atlhamela babolai – Ngwana yo monnye ga a ke a itse go farologanya batho ba ba siameng le ba ba bosula, gonne a sena kitso epe.
  • Lesilo le tsalwa le matlhale – Bana ga ba gotse batsadi botlhe, bangwe ba tswa diphokojwe fela.
  • Leswetsana ga le ke le lela fela, le a bo le utlwile maswedi a magolo – Bana ba ithuta thogano le ditlhapa kgotsa mekgwa go bagolo ba bone.
  • Letlaleanya, ntwa! – Ngwana yo mmaagwe a tsewang ka ene o atisa go tsosa kgang le bana ba lenyalo.
  • Lore lo ojwa lo sa le metsi – Ngwana o rutwa mekgwa e mentle a sa le monnye.
  • Mabala a kgaka a bonwa dikgakaneng – Gantsi bana ba gotsa batsatsi ba bone. Bontle jwa ditiro tsa batsadi bo lemogwa mo baneng.
  • Mahura a ngwana ke go rongwa – Ngwana o solega molemo ka go nna a rongwa.
  • Malata a ithuna a ile kgonnye. Bana ba tlotla kaga diphiri ka kgololosego fa bagolo ba bone ba se yo.
  • Mamphorwana maatlhamela babolai– Bana ka go sa itseng sepe ba sa tshabeng baba ba batsadi ba bone.
  • Maraganela-teng a bana ba mpa ga a tsenwe – Dikamano tsa bana ba motho ga di tsenatsenwe.
  • Marojana maitisi, maboa-a-ikgorosa – Bana ba ba sa tlhokomelweng ke ope ka molao, ba ipha molao ba boe ba iphapose mo dipharagobeng..
  • Maswi mannye a mmutle, a baya mmutlana pelo – Ngwana wa mohumanegi o godisiwa ka dijo tsa botlhokwa.
  • Mmamotse o bonwa kwa mantlwaneng – Tshameko ya bana e tlhagisa se ba tlaa se tswang fa ba godile.
  • Mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng – Mong wa selo ke yo o emang katlholo kwa pele.
  • Molao khutsana e o tsaya sudung – Ngwana wa khutsana o ithuta molao ka go dira ka fa molaong.
  • Ngwale monnye se lelele lotlhaka thupa di botlhoko – Pele o dira tse di itumedisang itse ditlamorago tsa tsone.
  • Ngwana e a re go lelela bogwete, a bo newe – Motho yo o tshwenyang ka go rata go itaola, o tle a lesiwe a iponele tsa boitaolo.
  • Ngwana e a re go lelela legodi a le newe – Motho yo o pateletsang go dira selo se a se ilediwang, go botoka a lesiwe, a se dire gore a ikutlwele.
  • Ngwana ga se wa motho ke wa batho – Ngwana o tshwanetse go tsaya taelo e e molemo go mongwe le mongwe.
  • Ngwana lekuka o a sokelwa – Popego e e rategang mo ngwaneng e diragatswa ka boitshoko le neneketso mo kgodisong ya gagwe.
  • Ngwana ‘a mmangwane nyala, dikgomo di boele ‘sakeng – Masika fa a tseelana, dikgomo tsa bogadi ga di ruiwe ke ba e seng ba lesika.
  • Ngwana o jelwe ke pelegi – Motho fa gongwe o senngwa ke bopelontle bo a bo direlwang.
  • Ngwana o sa utlweng molao wa batsadi, o tla utlwa wa manong – Yo o sa reetseng batsadi, o tlaa utlwa ditaelo tsa bagakolodi ba ba bosula.
  • Ngwana’a rrago e a re go go abela moretlo o tle o mo abele – Fa mongwe-ka-wena a go fa sa gagwe, mo fe le wena se o ka se mo fang
  • Ngwana sejo o a tlhakanelwa – Ngwana ga se wa batsadi ba gagwe fela, o godisiwa ke setšhaba.
  • Ngwana wa dikgomo ithute molodi o gopole motlhang malata a ile – Ithute o sa le ngwana tse di tlhokegang go di itse gore le ka moso o kgone go di dirisa mo botshelong.
  • Ngwana wa mma o anya nyetsane – Leseana le le swetsweng ke mmaalo le diiwa ka letsele la mongwe wa losika yo o sa amuseng.
  • Ngwana wa mmolelelwa-o-sa-utlwe, o thanya lomapo lo le tsebeng – Yo e reng a gakololwa a itshele moriti o o tsididi, o tlaa a itharabologelwa nako e mo siile.
  • Ngwana wa monna marapo a tlhageng – Monna a ka nna a swela gongwe le gongwe.
  • Ngwana wa ntlha ke yo bogadi bo duleng pele – Mo lenyalong la lefufa, mosadi yo o ntsheditsweng dikgomo pele, ke ena wa ntlo ya ntlha, go rialo fa go na le morwa le fa a le monnye ka dingwaga go ba bangwe ba ntlo ya bobedi gongwe ya boraro, morwa yoo ke ene morwa wa ntlha.
  • Ngwana wa ntlha molekane wa ga rragwe – Ngwana wa ntlha wa mosimane o lebanwe ke ditiro tsa ga rraagwe jaaka go tihokomela leruo Ia gagwe le maikarabelo a lelapa ka motsi o rraagwe a se yong.
  • Ngwana yo o esi ga a ke a lapa – Ngwana yo o esi o rongwa gongwe le gongwe.
  • Ngwana yo mogolo o tlhokwa kwa a leng – Bantsi ba ba nang le bajaboswa, ba itshwanela le ba ba se nang nabo.
  • Ngwana yo o bonya le yo o bonako ke ba rata mmogo – Motho yo o dirang ka pela mme a le tlhoko o a ratega.
  • Ngwana yo o sa leleng o swela tharing – Fa o sa ikuele o le mo bothateng, o tlaa bogela ruri.
  • Ngwana yo o sa utlweng molao wa batsadi o tlaa utlwa wa manong – Motho yo o sa reetseng batsadi, o tlaa utlwa ditaelo tsa bagakolodi ba ba bosula.
  • Ngwana yo o tlhogo-kgolo o sira rragwe – Bosula jo ngwana wa motho a bo dirang, bo senya ditiro tse di siameng tsa bantlo ya gagwe.
  • Ngwedi o epile pitso – Ke puo ya motho a gakolola yo mongwe gore a se ka a tswa ka sephiri gonne go na le yo o reeditseng.
  • Ntšwanyana ya maitaya-sebata e bonwa mabotobotong – Ngwana o itshupa se a tlaa se tswang a sa le monnye.
  • Tau ga e ke e tsala lengau – Motho ga a ke a tshola ngwana yo o farologaneng le ba losika.
  • Thuswane maswi o a anyile mabeleng – Ngwana ga a ka ke a tlhoka go gotsa motsadi wa gagwe.
  • Tshukudu kwa gobe e isiwa ke namane – Motsala bana ga a ka ke a ikanela gore ga a kitla a ba a ya ditshekong tsa matlhabisa ditlhong

Leave a Reply