Bogosi ga bo tlolwe, e se letsoku – Bogosi ga bo tlolwe, bo a tsalelwa, ga bo ke bo tshwanela motho a sa bo tsalelwa.
Bogwera bo se nang kgajane, bo wela mo ‘isong – Bogwera bo bo tswang bo tswela moetapele wa bogosing, ga bo ke bo tlhoka matshwenyego – Tiro fa e sena yo o e laolang, ka gale ga e fele sentle.
Bogwera boo-Ngwape bo kile jwa re bo ngolosa Ngwape, ntekwane go ingolosa bone – Morafe o o ngalosang kgosi, kgosana gongwe mogolwane o itshenyetsa ka osi.
Boroko ngwana ‘ga rraloso – Motho fa a robetse ga a na go itira sepe fela jaaka yo o suleng.
Boswa jwa motho a tshela, ga bo jewe – Leruo le fetoga boswa fa mong a sule.
Boswa jwa tau ke letlalo – Selo se se tlotlang botho ba gago se tshwanetse go tlhokomelwa thata.
Digwana tsa basadi, thabisa-digogo – Fa diphafana tsa bojalwa di ntshiwa, le dikhutsanyana di tlelwa ke boitumelo.
Kgomo tsa mogale tsa fula ntsweng, le tsa mmino – Go nna kagisong.
Dikgomo tshesebe tsa o salang, di tlogelwa koo – Dikgomo ke diphologolo tsa naga e bong mojo wa mojaboswa yo le ene a ka nnang a di tlogela jalo.
Dikgotla ditÅ¡haba – Ka tsamaiso le mekgwa, di farologane jaaka ditÅ¡haba.
Dinama di ya pitseng ka dirwe – Mafoko a tsena go bareetsi sentle fa a simololwa ke ba ba itseng.
Nare tsa Gabane, tshwana puleng di a raga – Makgarebe a a sa dumeleng go busiwa ke makolwane.
Dinku ga di ke di mutlhwa di le pedi – Go thata go dira sentle ditiro tse pedi gongwe tse dintsi ka nako e le nngwe.
Dinthe ga di ke di bajwa di le pedi, longwe lo a tle lo Å¡e – Go thata go dira sentle ditiro tse pedi gongwe go feta foo ka nako e le nngwe fela.
Diphala tse re kileng ra ne re di letsa – Makgethe a re neng re tle re a dire. Go buiwa jaana fa go gopolwa metlheng ya pele.
Diphologolo di atlenegela batsomana – Diphologolo di bonagala thata fa di tsongwa ke banna ba ba sa itseng go tsoma sentle.
Thoto ga di tswe basading, di tswa banneng – Monna yo o timanang o ruta mosadi wa gagwe bohula.
Ditlamelo tsa pula di baakanngwa gale – Nna o ntse o ipaakantse.
Ditsebe di ya moletlo di sa o lalediwa – Ditsebe di utlwa le se di sa tshwanelang go se reetsa.
Ditsebe ‘pedi, fela ga di utlwele gongwe – Batho ga ba utlwele gongwe. Ba ka utlwa motho a bua mme ba mo utlwa ka go sa tshwaneng.
E a re e bona mong e re “mmuu!” – Motho ga a gakwe ke kgomo e le ya gagwe.
E a re go e latswa bobe, e tloge e e ntshe bololo – Go direla, go rata, go boka mo go feteletseng, go a senya.
E a re go longwa ke sefifadu, e re o bona pilo o sie – Motho yo o goletseng mathateng, le fa go le bonolo o fitlhela go le mokong.
E a re go robala bo le bollo, e re bo osa bo bo bo le maruru (bogobe) – Fa sengwe se go gakaditse, tsamaya o ye go robala o se akanye.
E a re go tshaba e e dumang, wa tshabela go e letseng – E ka re o tshabela bogale gongwe, wa ya go fitlha kwa go bo bo feteletseng.
E a re go umaka ‘itlho, ‘itlho a itshose – Motho yo o molato gantsi o itshoga ditlhabela-tshosiwa ke go umkwa mabapi le molato.
E a re ke tlaa ja ka mogopo o tletse motho a re jalo (rialo) – Ke itumela fa go ntse jalo.
E a re mo mpeng e bolokegile – Go tewa kgomo; lebitla la kgomo ke molomo.
Ee” ya monna ke “ee”, ya mosadi ke yone “nnyaa” – Mosadi, e seng monna, a ka nna a fetogela se a se buileng.
E re go bulela o letseng, e re o tswa o mmulele – Busetsa dilo kwa o di tsereng teng.
E re le go tlhabetse, o le aramele – Go tewa letsatsi la mariga le tleng le tloge le iphitlhe ka maru; fa o bone letshego, o le dirise.
E re o tlhalefela ngaka, le bolwetse o bo tlhalefele – Kganela bolwetse ka molemo bo ise bo go tsene; fa o sa batle go tsiediwa ke dingaka, o se ka wa lwalalwala fela go sa twe sepe.
E re phala e le khibidu gale, le wena o e tlotse ka letsoku – Go isetsa pele; go isa khumo khumong; go ngoporola bohumaneging.
E se nang ngwana, e ikisa mogobeng – Go tewa tlou: Motho yo o se nang ngwana wa go rongwa, o itirela dilo ka boene.
E tlaa re re tlaa re ke dipitse, ra di bona ka mebala – Ke tlaa dumela ke bone.
Ga a nyala mosadi, o nyetse monna – Go tewa mosadi wa senatla mo ditirong le mo go rateng go naya ditaelo.
Ga a a wa, o ribame ka mpa ya sebete – O humanegile mo a se ka keng a tlhola a huma gape.
Ga ba lekane, ba kgaoletswe – Ba tshwana jaaka mafatlha ba bile ba a lekana.
Ga di ke di etelelwa ke manamagadi pele, di a tle di wele ka selemo – Banna ke boetapele ka tlholego – go tewa dikgomo.
Ga e botlha, e tswa moding – Ga a tsaya fa fatshe, o gotsitse bagolo ba gagwe.
Ga e gate lore lo kgopo – Go tewa pula: Ga e nele lefela, fa e sa medise dijalo, e talafatsa le naga.
Ga e ke e bola e na le mosomelwa – Fa e tlhoka baji, nama ya kgomo e abelwa batho.
Ga e ke e gangwa ka mogogorwane namane e le fa – Go tewa kgomo; mogogorwane ke namane ya maitirelo e e dirwang ka letlalo le tladitswe bojang. Motho ga a ke a buelelwa a ntse le gone.
Ga go jelelanwe go se ‘tsholong – Kwa letsholong banna ba ja mmogo, kwa magaeng, go fa ke go ipeela.
Ga a montle matlho, o montle pelo – Mosadi a ka tlhoka bontle jwa sefatlhego mme a filwe pelo e tshwaana kgotsa e ntle.
Ga a na phokojwe wa morakaganngwa-nae – Ke fa go sena motho yo a ka lekanngwang nae ka mokgwa, e ka nna o montle kgotsa o maswe – a gaisa batho botho botlhe.
Ga e se pitsa-tlhatlelwa-pele, ke pitsa beselediwang – Mo kgaratlhong ya botshelo selo se segolo ke se motho a fetogang sone a ntse a gola e seng se a leng sone kwa tshimologong.
Ga twe tshoswane e kile ya roma tlou – Mogolo a ka nna a dirisa kgakololo ya yo mmotlana.
Go ja ga go diye, go diya go dira – Le fa e bile go itlhaganetswe jang, nako ya go ja e tshwanetse ya nna teng.
Go lela, go tshitsha pelo – Go lelela ka fa teng mo go supiwang ke pelo e e nnang e hehesela.
Go lemala ga namane ke go lala le mmaayone – Temalo e tsala tsala mokgwa. Go tlwaela selo go tlhola mokgwa o o rileng mo mothong.
Go lepa, go a diya – Kganela bosula kwa tshimologong e seng bo setse bo etegetse thata.
Go leswa bo tshologileng, go somarelwa bo seatleng – Go tewa bogobe. Tlhokomela go somarela se o nang naso, o se se latlhe ka ntlha ya tsholofetso.
Go loma tsebe ga se go tsitsina – Motho o tlhagiswa ka go newa ntlha ya mafoko a tshebo fela.
Go se nang kgomo ga go na lehumo – Lehuma le legolo go fetisa a mangwe ke la motho a humile dikgomo mme a tlhoka se se rekwang ka kgomo.
Go swa motho, go sale motho – Jaaka go fitlhwa moswi, ka yone nako eo ngwana o a tsalwa golo gongwe. Le mongwe yo o swang maemo le ditiro tsa gagwe mo lefatsheng di tsewa ke yo mongwe.
Katumetsa e tlosa bokgwafo – Motho yo o go tlwaelang, e a re kwa morago a go nyatse.
“Ke reka’ng” e reka matlotla – Motho yo o sa tlwaelang go reka ka madi a gagwe e a re a re o a reka a iphitlhele a reka selo se se se nang mosola.
Ke se go time wa ntebala, ka go fa wa ntlakatlakela – Bahumanegi bangwe ba lebala Modimo, le bahumi ba bangwe ba a o itebatsa mo go ragarageng ga bone.
“Ke utlwile” ga e tshwane le “ke bonye ka matlho” – Bosupi bo bo siameng ke ba yo o boneng ka matlho. (corrected spelling)
Kago ya mmu e tshwara magakgala – Magakgala – Dikala tsa setlhare: Go nna maswe go ya pele. Go dubegile.
Kgatlhantshang makgatlha a le gole, a atamela boatla bo a tsena – A dikgatlha matlho di ediwe ka bonya go nne go di itlhaganelela go tlisa boatla.
Kgetse e idiwa e na le sengwe, e se nang sepe ga e idiwe – Go somarelwa se se nang le thuso, se se se nang thuso ga se kgathalelwe.
Kgomo e a tle e bapalwe, motho ene ga a bapalwe – Motho ga a rekwe e se kgomo.
Kgomo e tshwarwa ka dinaka, motho o tshwarwa ka mafoko – Mmalabadi o ipofa ka se a se buileng.
Kgomo ga e ke e nnyela boloko botlhe – Se bolele mafoko otlhe, se neye batho dikgang tsotlhe.
Kgori e bona lee, lorapo ga e lo bone – Motho ga a farologanye dilo tse di sa tshwaneng gongwe o bona fela molemo, bosula ga a bo bone.
Kgosi e tsala diphera – Ditlatla, masilo, diganka, basiami, botlhe ke bana ba kgosi.
Kgosing kgotsa ga kgosi ga go elwe – Go botoka go ya go ipuelela kwa kgosing go na le go roma ba bangwe go go buelela.
Kgosi thothobolo, e olelwa matlakala ( e thelwa ka malele) -Batho ba kgosi ke mefutafuta ya batho.
Khudutlou e robetse, bolobethe ba ipha naga – Katse ga e yo, dipeba di a tshameka – E a re moetapele a se yo, babotlana ba sale ba itirela fela.
Khudu e tshela ka lereme – Lereme bojang bo bo talana: Motho le ene a ka nna a tshela sentle fela ka bosesane jo a bo bonang.
Khudu e tswa logapeng – Motho o ntsha sephiri se a neng a se fitlhile.
Khudu ya mariga e itsiwe ke mmei – Mmei wa selo ke ene a itseng fa se teng.
Khumo le lehuma di lala mmogo – Mohumi a ka humanega le mohumanegi a huma, ka ponyo ya leitlho.
Khumo matlhare, e a tlhotlhorega – Khumo e a fela, jaaka matlhare a tlhotlhorega mo setlhareng.
Khupamarama, ke tlaa swa nayo – Mong wa sephiri kgotsa yo o sebetsweng o swa ka sone.
Lebelo la fela, thota e sale – Nonofo ya motho e a fela, ditiro di nne di mo emele.
Lebitla la kgomo ke molomo – Nama ya kgomo ga e latlhwe le fa e bile e senyegile jang.
Lefifing go gangwa e e lelang – Yo o bofefo go intsha setlhabelo; ke ene a rongwang mathateng.
Lefoko la maabanyane ga le tlhabe kgomo – Ga o ka ke wa isetsa motho kgosing go bo a gana go diragatsa mafoko a tsholofetso e e dirilweng kwa maitisong a maabanyane. Se se solofeditsweng maabane kgotsa maloma, mong wa ditsholofetso a ka tlhanoga.
Legaagaa le motlha mongwe fela – Malatsi a boitumelo le tlhapedi a akofa a fele.
Lehura la mmotlana, boroko – Boroko ke selo se se ratwang ke bana botlhe.
Loleme lwa basadi lo lotlhanya metse – Banna ba ba reetsang ditshebo tsa basadi ba fela ba sa utlwane.
Loleme lo digela mmele – Gantsi sebalabadi ga se na marapo a go lwa.
Lelwapa la mhi, le nnwa fela le a se yo – Go phuthegelwa kwa dijo di tleng di bonwe teng.
Lemena la ka-se-bolae-pele, re tle re bone meabo ya ba bangwe – Se simolole ka go abela ba bangwe, o ise o bone jaaka ba go abela.
Lenao ga le dupelele – Dinao di go isa gongwe le gongwe kwa o ratang, ga le itse se se diragalang kwa pele.
Lenao ke mosimane wa molotsana – Motho fa a tshaba a ka ya go tshwarwa kgakala.
Lentswe (lefoko) ga le boe, go boa monwana – Mafoko ga a lebalege, go lebalega go supiwa ka monwana.
Lentswe (lefoko) le pelong, ga le tshetse – Mafoko a motho a a tshwereng ka pelo a tlhorontsha.
Lesopeng go a boelwa, go sa boelweng ke maleng – Go a dumelesega gore motho a boele kwa a neng a hudugile teng, mme popelong gone ga go boelwe.
Lesotse la makopo, ga le na kgodu – Sejo se motho a se filweng, ga se na boabelano.
Letlaatlaa le motlha mongwe fela – Malatsi a boitumelo le tlhapedi a akofa a fete.
Letlametlwana ga le itse go bopa le nnetswe – Motho ga a ka ke a go bopela o mo reeditse, fa ese o se yo fela. Gantsi motho ga a ke a kgona go phuthologa ka tlhagiso ya maikutlo fa batho ba a sa ba tlwaelang ba mo lebile.
Letlhaku le leÅ¡wa le agelwa mo go le le gologolo – Sengwe le sengwe se tlhabololelwa mo go sa bogologolo.
Letlhotlho-legolo le tsosa diletseng – Puo e ntsha le go tsosolosa dikgang tse di lebetsweng.
Letsholo le a re go nna melelekelo mebe, le tle le iphetololele – Ga le siame le sa bakanngwa sentle.
Letsholo go ditewa le le fa – Lebaka le le bonolo, le bolawa ke merwalo.
Lo re go bona di ja maaparankwe, dikgosana lo itlhoboge – Se se jang dikgosi dikgolo, le dikgosana se a di ja.
Loso-logolo ke ditshego – Go tshegwa botlhokong le losong kgotsa go sa itumelwe.
Mabele kgamana – Jaaka kgamana, mabele a sa le mannye ga a babalelwe ke letsatsi.
Mabele thabisa digogo – Bojalwa ke seno se se itumedisang dikhutsana.
Mafura a ratwa gotlhe – Bontle le khumo di ratwa gotlhe.
Mahube a ‘naka tsa kgomo – Maphakela a letobo fa letsatsi le tla go hula.
Maipelo ga a mangwe – Boitumelo bo supiwa ka methale e mentsi.
Majapolaelo, maatamela di sutsa – Mofokodi yo o sa itseng go itirela, yo o thatafalang fela fa dipitsa di setse di budule, gotlhe go siame.
Malatsi a ratisa go ja otlhe – Dijo di batlwa ka metlha yotlhe.
Malebadi loso, a tshwana le “ke gakilwe” – Fa o lebetse gongwe o gakilwe ke sengwe ga go bonolo go gakologelwa.
Mangana lotso loo-phage – Ba ba mangana ke ba losika lwa dikatse tsa naga. Go tewa batho ba tshwana ka dipopego jaaka bana ba motho, kgotsa ka mekgwa.
Maokaneng go tsenelwa gotlhe – Kwa botshelo bo teng mongwe le mongwe o a ya.
Maoto a nong, ke phofa – Lenong le siana ka bofefo fela jaaka lefofa.
Marope a bonakedi – Matlotla fela.
Marota a a sirasirana – Dingaka di fetafetana ka go boifega ga tsone; batho ga ba tshwane ka gotlhegotlhe.
Maru a se nang tladi malematsa – Pula e e nang kwa ntle ga magadima le ditladi e a tlwaelega, e ratege.
Maru ga e se pula, mosi ke one molelo – Go ema sentle ga maru ga go bolele pula, mme mosi ga o kuelele go sena molelo.
Masepa a ntÅ¡a, a dujwa a sa le metsi – Ngwana o rutiwa mekgwa e e siameng a sa ntse a le monnye.
Masigo a sa neng pula, malebatsi – Go tshelela boitumelo go tlwaelesega mo e reng mogang go tlang kultobotlhoko go hutsafalwe go fetisa selekanyo.
Matlametlwana a jelwe ke disedi – Se se beilweng se nyeletse ka “ga re itse”.
Matlhapenyana a baratani, a tlhanoganela nageng – Lerato le le tsentshang ga le ke le ya kgakala.
Matlho dialana, ga a je sa ga ope – Matlho a leba fela, ga a tseye sepe sa ga ope.
Matlho ga a kgore – Matlho ga a lape go leba.
Matlho ga a lebele gongwe – Batho ga ba bone ka go tshwana.
Matlho mabonani, ga e se matlhokani – Ba ba kileng ba bonana, ba tle ba boe ba kopane.
Matlogo a kgosi, kgetse ya sebilo – Fa go kileng ga nna kgosi, go sala go kgorwa kgotsa go itumelwa.
Mayo le maboo ga a itsiwe – Go ya kae le kae le go boela kwa a tswang teng ga go mo thateng ya motho ka esi.
Mebala e a bolaya – Mekgabo le dilwana tse ba se ka keng ba di kgona go humanegisa bontsi.
Menwana e meleele e direla thateng – Boleele bo sita go dira ka pele.
Merogolwana ya ‘tsatsing e kgonwa ke go lela e lebaganye – Basekisani ba tshwanetse go kopanngwa ba bua ba lebaganye.
Metlhala ya khumo mentsi, mengwe e tlhokile balati – Ditsela tsa papadi di dintsi mo tse dingwe e bileng di sa dirisiwe ke ope.
Mhula o na le waabo – Motho ga a ke tshola batho botlhe ka mowa wa bosula, go a tle go nne le ba a nala le pelo mo go bone.
Mmaya-se, ke moja se! – Yo o ipeelang a gopola ka moso, o tlaa ja fa ba bangwe ba tlhoka.
Mmelegi koma, o a rekwa – Motho yo a go direlang gongwe a go belegelang ngwana o tshwanelwa ke tlotlo le tebogo.
Mmutla o kgoro-pedi – Motho yo a se keng a bonwa fa a senkwa.
Moalola o sianang, le ene o tle a bo a siane – Moalodi o digwa ke setshwe fela jaaka yo a mo lelekileng. Motho yo o sianisang yo mongwe le ene o a tle o fekeetswe ke letsapa.
Moamoga tshwene lerutla, o e lebatsa ka mogwang – Yo o tsayang sengwe mo mothong gongwe ngwaneng, o se emisetsa ka se sengwe.
Modirwa ga a lebale, go lebala modiri – Moutlwisa ba bangwe botlhoko o a lebala, babogi bone ga ba lebale.
Modumela tlhajwe, ke yo o sa e tlhajweng – Motho o bonolo go dumela mafoko a tshenyo e e sa mo ameng mme e e amang yo mongwe.
Moennyana o pele, lobone lwaabo – Yo o gorogang pele tulong, o tle a nne moamogedi wa ba gaabo ba ba latelang.
Mogana-motho o a bo a mo rola Modimo – Kgarebe e e ganang lekolwane e a bo e le falosa mo matshwenyegong a a neng a tlaa mo tlhagela kwa morago.
Mojapele o tshwana le mojamorago – Boitumelo ba ntlha bo tshwana fela le ba bobedi gongwe ba boraro.
Mokgatha-thite, ga se mhodi – Motho yo o dirang tiro lwantlha e bile a dira ka thata, gantsi ga a ke a bona dikuno.
Molala ga a kgore – Motlhanka kgotsa motho yo o sa itsholelang ga a ke a busa dithuso, o amogela fela.
Molao o tswa ntlokgolo, o ye ntlwaneng – Molao o o bewang ke kgosi o phatlaladiwa ke kgosana.
Moledi ga a reediwe – Mafoko a motho yo o buang a tla a lela ka ntlha ya botlhoko jo bo galakang pelo, ga a tsewe tsiya.
Molelo o fisa baoori – Motho o jela monate golo, aa bo a jele botlhoko teng. Botlhoko jwa motho bo utlwiwa ke ene fela.
Molelo wa Modimo ga o tingwe – Thato ya Modimo ga e ka ke ya senngwa ke sepe.
Moloi ga a na mmala – Ga go na matshwao a a farologanyang batho gore a ba siame kana nyaa.
Monna o nkgang, o nkga le ditsa-gagwe – Fa o tlhoile motho, o ile le dilo tsotlhe tsa gagwe.
Monna thekelele theko ya marumo, e a re a re “thee!”, a bo a ile – Mosadi o tshwanetse go tlhokomela lerato la monna wa gagwe.
Mootla-mokoduane, ga se moja sebete – Motho yo o tlamelang selo gantsi ga a se sole mosola.
Mopalama-tshwene, ga a lebale go wa – Motho fa a dira tiro e e bosisi, e a re a e dira a gopole gore a ka tlhagelwa ke kotsi.
Morakana-moswa, ga o lapise – Pelo e tlhokomela selo se seshago feta se segologolo.
More go tsena wa legare – Setlhare se tsena mading fa go itlhabiwa ka sone; molao go obamelwa o o botlhoko.
Moroka o sita ka leru – Modira pula o dumelwa go bonwa maru a palame.
Pelo boela mannong mmatla sa gaabo o se bone – Ke puo ya motho a tlhatswegile pelo a itumelela se a se amogelang.
Pelo e ganelela kwa monwana o supileng teng – Motho o latela se pelo e se mmolelelang.
Phofu ya kganela, ke ya kgosi – Fa batho ba ipalela sengwe boobabedi mme go se bosupi jo bo tlhamaletseng gore ke sa ga mang, se tle se gapiwe ke kgosi go fedisa tsheko.
Poo go bewa ya kgomo ya motho e a ipaya – Motho mongwe le mongwe o itlhophela tsela ya gagwe ya botshelo.
Setopo re supa nakedi, magogwe re mmega a sule – Legodu ke le le tshwerweng. Selo re se kaya re se supa le go se bona ka matlho.
Sokobe o meipoko-mebe o a tle a iphatlhe ka lohuka – Motho yo o dirang dilo boatleng, o a tle a itsenye mo mathateng ka ntlha ya ditiro kgotsa dipuo tsa gagwe.
Silo le kgomo ga le tlhaleswe – Yo o ikanelang gore ga a nke a kopa thuso mo go radikgomo o a itatlha.
Tau e iphutha metlhala ele yosi, e na le malawana, mafaratlhatlha – Motho ga a kgone go ganelela bana ba gagwe ka a sa tsamaye gongwe le gongwe le bone.
Tedutshweu ga se botsofe – Go sweufala ga moriri le ditedu tsa monna ga go kae go tsofala.
Tsela kgopo ga e latse nageng – Tsela ya modikolosa mme e e gorosang gae, e gaisa e khutshwane e e tletseng diphatsa.
Tshwene e a re go bona pilo e tshabe – E a re selo se se maswe se go diragaletse gangwe, e re fa o bona se se tshwanang le sone o babe lobadi kgotsa o tsogelwe ke maikutlo a seng mantle mme o tsamaele kgakala le sone.
Tshwene ga e ipone makopo – Ga go bonolo gore motho a itse phokolo le melato ya gagwe.
Tshwene ga e ipone mariba – Ga go bonolo gore motho a itse phokolo le melato ya gagwe.
Tshwene e a re go swa, e re e bona pilo e sie – Ithute sengwe ka se se setseng se go diragaletse.
Ya lesilo ga e tshwarwe gabedi – Fa nkile wa utlwa botlhoko gangwe ga o kitla o buseletsa.
Dilo di bolaya ka lobeko – Dilo di tsietsa batho ka go di nyatsa
Lefufa ga le ke le bola – Mowa wa tlhokakutlwano le mona ga o ke o nyelela fela o sa siamisiwa.
Go bisa go itse go a lomeletsa – E a re fa gongwe motho a fetwe ke dilo ka ntlha ya go sa itse ka tsone.
Naga ga e beye – E a re selo o se bone kwa lefelong la botlhe, e re o se boela wa fitlhela se tshotswe ke yo mongwe.
Mopalami tshwene, ga lebale go wa – O se ka wa tlhomamisa gore ga o kake wa dira diphoso.
Re lebogela gore o abelane le rona siane sa Setswana. Re tla sekaseka bokao jwa siane seno mo posong e e tlang. Tswelelang lo re etele, re lebogela tshegetso ya lona!
Dithoba di dutla logala
Re lebogela gore o abelane le rona siane sa Setswana. Re tla sekaseka bokao jwa siane seno mo posong e e tlang. Tswelelang lo re etele, re lebogela tshegetso ya lona!