Diane ka ga botsalano

  • Bophokojwe ba bankgwe ba itsanye ka mebala – Ka gale ba ba tshwanang ka maitseo ba a itsana.
  • Dipeba tsa mosima o le mongwe – Batho ba ba tshwanang ka mekgwa.
  • Mafoko ga a lale nageng – Dikgang ga di timanwe mme di fitlha kgakala.
  • Mafoko ga a timanwe, go timanwa dijo – Batho ba tshwanetse go tlotlelana dikgang.
  • More wa mafoko ke go buiwa – Komano e fedisiwa ke batho go bua ba lebaganye.
  • Tshukudu ya ga ka – Tsala ya me e e rategang thata.

Leave a Reply

Ikwadise mo go FB Ikwadise mo go Whatsapp Ikwadise mo go lekwalodikgang la rona