Legodu ke le le tshwerweng – Motho o lebanwe ke kotlhao ka se a bonweng a se dira e seng sa magatwe.
Lesepa-legolo ke la moeng, la mong-gae ke pipitlwane – Teofo ya moditšhaba e tseelwa godimo, ya mong-gae e gatwa ka dinao fela.
Lešetla le tswa mokong – Mo tshekong, mongongoregi ke ene a ka itseng motheo wa mafoko.
Letshwenyo la moraka le kgaoganngwa ka selepe – Molemo wa ba ba tshwenyanang ke go kgaoganyediwa ruri.
Molato ga o ke o ja motlhodi – Gantsi mong wa molato ga e se ene a atlholwang.
Molato o lefiwa ka lemao – Le fa go atlhotswe gore tefo e nne dikgomo gongwe dipodi tse pedi, e ka nna ya re mosekisiwa a itelela ka e nngwe fela, ya amogelwa.
Molefa-gangwe, o lefa ka marapo – Yo o ratang go duela molato a o fetsa, a a dire ka thata a tle a bone go o duela.
More go alafa o o botlhoko – Kotlhao e e botlhoko e bakisa moleofi kapele. Gantsi selo se se nang le molemo o o gaisang ga se na sebopego se se eletsegang.
Tau ga e ke e re e hupile lerapo, e le kgwe – Yo o bonweng ke lekgotla molato, ga a ka ke a falola go lefa; dikgomo tse di ntsheditsweng tefo kgotleng ga di busiwe.
Tladi ga e iteye setlhare gabedi – Se otlhaye motho gantsi.
Tsholo go ditewa je le fa – Kotlo e simolola ka yo a leng teng.
Sebata re bata sa mokwatla, sa mpa re a mpaampetsa – Motho fa e le wa lesika re mo otlhaela melato ka go mo rekegela, mme fa e se wa lesika re fa kotlhao e e feletseng.