Di a tle di ragoge sentle, pheletso ya tsone leso – Ga e se goora-go-simolola-pele, ke goora-go-fetsa-tiro-sentle; se itlhaganele mo o tlaa felelwang ke thata ka pele.
E a re bodiba bo tšha, dikgarubane di ikepele mo morageng – Fa o tlhoka letshego, leka gape. E a re motswedi o kgala, motho a senke go sele gore a itshedise.
Ga e se goo-lobelo, ke goo-marapo-a-thata – Sekgele sa tswelopele se tsewa ke ba ba itseng go itshoka le go dira ka nonofo e seng go ikanya go itlhaganela fela.
Kgengwe o nne a lekwe – Le fa e bile o palelwa, go botoka go nna o leka.Selo le fa se kaiwa bosula kgotsa bomaswe, e a re gongwe wa se leka fela.
Maano ga a site, go sita a loso – Le go le thata jang, a motho a loge leano!
Modikologa o jele kgomo ya tona – Go botoka go akanya ka iketlo pele ga o dira selo, go sianela go dira go diphatsa.
Mokopi ga ‘sago le ntlha – Mokopi o pelo telele, ga a še pelo.
More o palangwa ka legotlho – Ga go a siama go potlakela go dira dilo.
Palagabedi, e sita palagangwe – Pele ga o dira selo akanya gantsi e seng gangwe fela.
Phiri o rile ga bo se gangwe – Fa e re o dira sengwe o palelwa sa ntlha, o tle o leke le ka moso.