Ba phunyeditse Pudungwana dintsi -Ba thusitse bosula go anama.
Boferefere ga se papadi, ga bo tshwane le go itlwaetswa – Go tlhoka boammaaruri ga se letshwao la tshiamo. Botsuolodi ga e se mokgwa o ga ka tweng o tlisa dipapalo.
Bosigo ga bo akele ope – Ditiro tse dintsi tse di maswe di direga mo lefifing la bosigo.
Botlhale bo bolaile mong wa bone – Letlhale ga le ka ke la tsietsa batho botlhe ka dipaka tsotlhe; botlhale ba go tsietsa ga bo thuse.
Dinaka tsa podi di tshwaranye – Mafoko a tshwere mong wa one.
Dintle tsa ga moetelelapele, dimpe tsa ga mosalamorago – Motho a ka dira bosula a falola, ba ba mo etsang ba tsena mo mathateng; Legodu ke le le tshwerweng.
Ditlhaletlhale tsa leboa, di bonye dinko pele – Matlhale a akofa a itsane megopolo.
Ditswang-tswang, di ya thoteng di bapile – Badipa ba ba iseng ba ke ba kopane; maferefere a a iseng a tsietsane.
E a re e tlhajwa e lomologe – Motho e a re a lemogile bolotsana ba bankane ba gagwe, a fokotse go tsamaya le bone.
E a re go tilwe roga kgosi, o e roge! – Fa e re motho a go romile go kgopisa kgosi wa dumela go dira jalo, o molato jaaka ene.
E a re a re ‘podi di a sisa, a bo a bonye ka tsa gaabo – Motho fa a supa ba bangwe ka bosula, go a bo go iketse ka ene.
E ka bo e le tshukudu e ka bo e ntlhabile – Go tewa motho a batlile go utlwa ba mo seba.
E re go bona thola bontle ka kwa ntle, teng e botlhoko – Bontle bo na le dibelebetsane.
Go rata maboa, seolo o sa se rate – Go rata dilo tsa motho, motho o sa mo rate.
Kala tsa more re babedi, naare motho wa boraro o tswa kae – Sephiri sa ba babedi ga se ke se tlhoka go itsege.
Kolobe yo o kwa morago ‘ntÅ¡wa di a bo di mmonye’ – Motho yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe, o nna a ntse a belaelelwa mo go one jaaka bogodu. Motho yo o nnang a salela kwa morago ka tema, o a nne a tshabelwe ke matsapatsapa.
Lefufa le apeetswe le lentswe, lentswe la butswa ga sala lefufa – Ga go na molemo o o ka fedisang lefufa mo bathong.
Leina le sentse motse – Go bala maina a batho mo mafokong a ditshebo go tsosa moferefere le dikgotlhang.
Loleme lo gaisa more – Maaka a polaokgolo go gaisa setlhare.
Loleme lo thubile motse – Kako e ka kgobera motse o didimetse, ya tsenya khuduego.
Lenyatso ga le na seipato – Go nyatsa ke tiro ya ka bomo.
Lesilo ga le otlwe matlho – Motho ga a tsiediwe mo a tlaa lemogang motsietsi.
Lomao lo ntlha-pedi, lo tlhaba kobo le moroki – Molotlhanyi yo o se nang go ikanyega ka gope; tshebi.
Maaka a monna a apewa ka pitsanyana – Monna ga e re a solofeditse, a fetoge.
Mafoko ke a pele, a morago dithunthutshwane – Bosupi ba pele ke nnete, poeledi e tletse boferefere.
Magodu a a itlhophela (itobatobeletsa) – Magodu a ja more o bodule, mme a utswa se a se kgatlhegelang.
Mahuto (malepa) maitsewe ke beng – Marairai a itsewe ke badiri ba one.
Mala a a bolayang, ke a a sa dumeng – Mmaba yo o kotsi bogolosegolo ke yo o iphitlhileng.
Masukudu a (dithukudu di) eme ‘tsatsing mme moriti wa tlou ke ditsebe – Yo baba ba mo rerileng o tle a bolelelwe ke mongwe.
Mateane a a megatla meleele, a fenya a a megatla mekhutshwane – Magodu a magolo a utswela a mannye.
Matlo go Å¡a mabapa – Bana fa ba agisane mmogo le mathata a malapa ba a a tlhakanela go thusana.
Matlo, mabipa – Diphiri tse dikgolo di direlwa mo matlong.
Matlho a seba mogolo, ga a gake – Motho yo o bipileng sephiri sengwe, o tle a lemosege mo go ba a nnang nabo.
Meno-masweu, a bolaya a tshega – Gantsi motho a ka tshega nao a go bontsha meno mme a sa supe lerato gope.
Mmolaya (mmua) dibe ga a bolelwe – Motho yo o go sebelang mafoko a sephiri se segolo ga a ke a bidiwa ka leina le mo tshekong.
Moaisi, moya nao – Ke motho yo o buang mafoko a tshebo ka yo mongwe, a tloge a ye go mmolelela se bareetsi ba se buileng.
Mogae ga a ke a sita mogae-ka-ene – Motho ga a ka ke a tshelela mo go tsietseng wa ga gabo, o a tle a mo tshware le ene.
Mogale o galefa ‘somong – Yo o tsamayang le basiami o tswa mosiami ka ntlha ya lesomo.
Mogama motho ga a botlhale, o gamang kgomo ke ene o botlhale – Yo o lekang go tsietsa yo mongwe o tle a fele a lemogilwe.
Mojalemotho ke ene mmolai wa gagwe – Gantsi motho yo o leng tsala ya gagwe ke ene a kgonang go go epela lemena le le boteng go go bolaya.
Molaya-kgosi, o a bo a e itaela – Yo o gakololang kgosi go dirisa dikatlholo tsa tshokamo, le ene o a di itirela.
Moleleka-kgama ya mariga, o e leleka a tshotse kobo – E re o sena go tlhagisiwa, o nne o itlhokometse.
Ngwana wa motho ga a ipone se se mo tlhogong – Batho ba bangwe ba bua thata ka mekgwa ya ba bangwe ya bone ba sa e bone.
Noga ga e latelwe mo mosimeng – Motho yo go lowang ga e re a tshabetse mo tlong gongwe motsing, a latelelwe, gonne kotsi e a ka e dirang ga e sekwe
Nta ya selomela-kobong – Motho o tlhoka nnete a ntse a tshela nao, a bua maswe o sa itse.
O se bone tholwana borethe, teng ga yone go a baba – Se o bonang se le sentle kwa ntle, ka fa gare se tloga se na le dibelebejane.
Phokokgolo ga e tswe ka ngwana wa motho – Ke ditlhong gore o nne mosupi wa ditshebo tse di maswe.
Tau ga e sejwe – Motho yo mogolo e a re go buiwa ka ene a tshogana a tlhagile.
Tau ga go sejwe nayo – Fa o sebela boramolao mafoko ba go tshwara ka mafoko a gago.
Tshwenyana e itse mapalamo, mafologelo ga e a itse – Molotlhanyi o itse go lotlhanya, go agisanya ga a go itse.
Wa re go umaka itlho, itlhwe a itsose – E a re go gopola motho go bonwe fela a goroga.
Gore kolokolo moloi o ele ruri – Go eleletsa yo o mo tshwaretseng maemo jaaka a bogosi go ela ruri, gore a latlhegelwa ka maemo ao saruri.