Skip to content
- E anywang e leletse, e ruta e e mo maleng – Dilo ts di sa siamang tse di direlwang fa pele ga bana, di senya bana mme ba tsoge le bona ba di dira.
- Mogolo o rata kema e a e ipeolang – Mogolo o rata lefoko la gagwe.
- Mogwe wa tshwene o ja se tshwene e se jang – Mogwe o tshwanetse go tlotla mekgwa ya bogwegadiagwe.
- Susu ilela suswana gore suswana a tle a go ilele – Mogodi yo o maitseo go ba bannye o tle a tlotlwe ke bone.
- Tshoswane e kile ya roma tlou – Mogolo a ka nna a rongwa ke mmotlana.
Related