Ditoro ka ga phokoje

Fa o ka lora ka phokoje,go raya gore o tshwanetse o eletlhoko kotsi. Fa o ka e bolaya phokoje, le fa go ntse jalo, o tlile go nna mofenyi dingangisanong tsa gago le kgotlhang le ba bangwe.

Ditoro ka ga dinaka

Fa o ka lora ka dinaka tsa phologolo, ke sesupo se sentle gape se kaya gore o tlile go itsege kgotsa go tuma.

Ditoro ka ga tlou

Fa o lora ka tlou go raya gore o tlile go atlega kgotsa nna le tswelopele fa botshelong e bile wa nna le itakenelo e e siameng.  O ka bona madi a o neng o sa a solofela, kgotsa o tlile go bona tuelo ka ntlha ya bodira ka natla jwa gago.

Ditoro ka ga thakadu

Fa o lora ka thakadu kgotsa majaditshoswane, go tlile go iponna madimabe, segolobogolo mathata kwa lefelong la gago la tiro a o neng o sa a lebelela kgotsa solofela.

Ditoro ka ga dipere

Fa o ka lora ka pere, go kaya boitumelo le katlego go isagong ya gago, segolobogolo fa e le tshweu. Fa e le gore pere e galefile fa o ntse o e palame, go raya gore o tlile go nna le mathata kamanong ya gago.