Ditoro ka ga khudu

Fa o ka lora ka khudu, ke madimabe go kgwebong ya gago kwantle ga ge o e tshwere e bile o e jele. Seo se raya gore o tlile go atlega ka ntlha ya matsapa kgotsa go itshwenya ga gago.

Ditoro ka ga peba

Fa o lora ka peba, ke matlhogonolo fela fa e le gore ke a masweu. Fa go se jalo go raya gore batho ba tlile go go tlhanogela.

Ditoro ka ga mmutla

Fa o ka lora ka mmutla, ke madimabe fa e le gore ke o montsho mme go maswe le go feta fa o ka tsena ka fa lapeng la gago. Fa e le mmutla o mosweu, le fa go ntse jalo, o tlile go itemogela dilo tse dintle.

Ditoro ka ga legotlo

Fa o lora ka magotlo kgotsa mofuta yo mongwe wa legotlo, go raya gore go na le mathata a a tlang tseleng ya gago. Batho ba bangwe ba batla go senyetsa wena le dilo tse o dirileng ka thata go tsona.

Ditoro ka ga tshwene

Fa o lora ka tshwene, go raya gore go na le batho ba ba lekang go go direla mathaithai, ka jalo o tshwanetse go ipaakanyetsa sengwe le sengwe fa o batla go atlega.

Ditoro ka ga dikgano

Fa o lora ka dikgano, go raya gore lenyalo la gago le tlile go itemogela mathata. Fa kgano e ka tsholetsa mosela wa yona fa e go feta, o tlile go nna le madimabe.

Ditoro ka ga serunya

Fa o lora ka serunya, go dira ka thata ga gago ga go kitla go go  isa gope ga jana, fela fa o ka itshoka kgotsa wa kgotlelela, o tlile go bona dipholo.

Ditoro ka ga tau

Fa o ka lora ka tau, go raya gore go nale kotsi e e tseleng ya gago. Fa o ka e fenya tau fa torong gago, go raya gore o tlile go bona tuelo ka matsapa kgotsa boitshwenyo jwa gago, gongwe ka tumo kgotsa katlego kwa tirong. Fa o akanya ka lenyalo, go kaya gape … Read more

Ditoro ka ga lengau

Fa o lora ka mangau, go raya gore go na le dinako tse di thata isagong ya gago mme o tlile ke go tshwanelwa ke go itshokela khumanego le tatlhegelo.