Ditoro ka go titiela bojalwa

Fa o lora o titiela bojalwa, mme o le monna, o tlile go jela nala ke mongwe yo o nang le lobaka o sa mmone gaufinyana.  Fa o le mosadi, go raya gore o setshwakga mme o tshwanetse o leke ka thata fa botshelong.

Ditoro ka ga bojalwa

Fa o lora gore o titiela bojalwa, go raya gore o tlile go etelwa ke motho yo o tswang kgakala. Fa o nwa biri kwa borekisetsong jwa bojalwa, go raya gore o tlile itirela lenaba gautshwana.

Ditoro ka ga go ja

Fa o lora e le gore o ja dijo tse di monate, o tlile go bona boitumelo le katlego mo botshelong.  Fa e le gore o ja o rapame, go raya gore o tlile go latlhegelwa ke sengwe. Fa o le mosadi yo o sa nyalwang, go raya gore go tlile go nna le mathata … Read more

Ditoro ka ga senkgwe

Fa o lora senkgwe, o tlile go diragalelwa ke dilo tse dintle mme wa bona katlego botshelong. Fa o ja senkgwe se se nang le dipeo le korong go sona, le fa go ntse jalo, go raya gore o ka lebagana le nako e e thata kwa tirong.

Ditoro ka ga tee

Fa o lora gore o nwa tee, go raya gore dilo tse dintle di tlile go tla go wena gautshwana.