Ditoro ka ga matekwane

Fa o ka lora ka semela sa matekwane, go raya gore o tshwanetse  go tsaya nakonyana go akanya ka botshelo jwa gago le go re o itlhaganele kgotsa o potlakelo dilo.

Ditoro ka ga malomo

Fa o lora ka malomo, go kaya boitumelo fa isagweng ya gago, kwantle ga go re o a be o a senya kgotsa o a latlha.

Ditoro ka ga matlhare

Fa o ka lora ka matlhare, go kaya dilo tse di siameng fa e le gore matlhare a tala e bile a sa le fa setlhareng. Gone o tlile go atlega le go tswelela go dilo tse o di dirang. Fa matlhare a wetse fa fatshe mme a tlhakatlhakane, o tlile go boga kgotsa go … Read more

Ditoro ka ga mabowa

Fa o ka lora ka mabowa, ke masego go di kga fela madimabe fa o ka di ja segolobogolo fa o ka lwala fa torong ya gago.

Ditoro ka ga tlhaga

Fa o lora ka tlhaga, go raya gore o tlile go bona boitumelo le katlego isagweng ya gago, segolobogolo fa e tletse e le ntle gape e le tala. Fa tlhaga e sule, kgotsa o e sega kgotsa o e kera, le fa go ntse jalo, go raya gore o tlile go nna le madimabe … Read more

Ditoro ka ga segagane

Fa o lora ka segagane, go raya gore o tlile go lebagana le thaelo go ise go ye kae. O tlhokomele go nna le bonnete go wena kgotsa o tlile go lebagana le ditlamorago.

Ditoro ka ga ditsobotla

Fa o ka lora ka ditsobotla kgotsa felo go go seretse, ke madimabe kwa ntle ga gore o be o le molemirui. Go batho ba bangwe, go raya gore o tlile go tsena fa mathateng kwa tirong kgotsa le badirimmogo ba gago.