Ditoro ka ga botaki

Fa o lora o thala sengwe, go raya gore ka tsatsi lengwe o tlile go nna motaki. Fa e le gore o a penta fa torong ya gago, le fa go le jalo, ke madimabe, ka gonne lelapa le tlile go humanega.

Ditoro ka ga go šapa

Fa o lora o šapa, ke masego fa e le gore tlhogo ya gago e kwa godimo ga metsi segolobogolo kwa tirong le dikamanong tsa gago. Fa metsi a le phepa a bonagala sentle, go gontle tota. Fa o šapa ka fa tlase ga metsi go raya gore o lebilwe ke mathata, segolobogolo fa e … Read more

Ditoro ka ga golofo

Fa o tshameka golofo fa torong ya gago, go raya gore o tlile go lebagana le dikgwetlho kwa tirong go ise go ye kae mme o tlile go tshwanela ke go nonofa go ka di fenya.

Ditoro ka ga go tlhatloga

Fa o palama godimo ga sengwe fa torong ya gago, go bontsha ka foo o tlileng go atlegang ka teng mo botshelong. Fa o ka fitlha kwa godimodimo, o tlile go fitlhelelela mekgele yotlhe mo botshelong, maratong le kwa tirong.  Fa o ka palelwa, kgotsa wa wela fatshe, go raya gore o tlile go swaba.  … Read more

Ditoro ka ga kgwele

Fa o lora o raga kgwele fa metshamekong, go raya gore o tlile go atlega ka ntlha ya go dira ka thata ga gago.