{"id":3497,"date":"2023-10-06T17:30:29","date_gmt":"2023-10-06T15:30:29","guid":{"rendered":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/?p=3497"},"modified":"2024-07-03T13:15:02","modified_gmt":"2024-07-03T11:15:02","slug":"diane-ka-ga-ditlhagiso","status":"publish","type":"post","link":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/","title":{"rendered":"Diane ka ga ditlhagiso"},"content":{"rendered":"\n<ul class=\"wp-block-list\">\n<li><strong>Bogosi ga bo tlolwe, e se letsoku<\/strong> &#8211; Bogosi ga bo tlolwe, bo a tsalelwa, ga bo ke bo tshwanela motho a sa bo tsalelwa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Bogwera bo se nang kgajane, bo wela mo &#8216;isong<\/strong> &#8211; Bogwera bo bo tswang bo tswela moetapele wa bogosing, ga bo ke <strong>bo tlhoka matshwenyego<\/strong> &#8211; Tiro fa e sena yo o e laolang, ka gale ga e fele sentle.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Bogwera boo-Ngwape bo kile jwa re bo ngolosa Ngwape,<\/strong> ntekwane go ingolosa bone &#8211; Morafe o o ngalosang kgosi, kgosana gongwe mogolwane o itshenyetsa ka osi.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Boroko ngwana &#8216;ga rraloso<\/strong> &#8211; Motho fa a robetse ga a na go itira sepe fela jaaka yo o suleng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Boswa jwa motho a tshela, ga bo jewe<\/strong> &#8211; Leruo le fetoga boswa fa mong a sule.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Boswa jwa tau ke letlalo<\/strong> &#8211; Selo se se tlotlang botho ba gago se tshwanetse go tlhokomelwa thata.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Digwana tsa basadi, thabisa-digogo<\/strong> &#8211; Fa diphafana tsa bojalwa di ntshiwa, le dikhutsanyana di tlelwa ke boitumelo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Kgomo tsa mogale tsa fula ntsweng, le tsa mmino<\/strong> &#8211; Go nna kagisong.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Dikgomo tshesebe tsa o salang, di tlogelwa koo<\/strong> &#8211; Dikgomo ke diphologolo tsa naga e bong mojo wa mojaboswa yo le ene a ka nnang a di tlogela jalo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Dikgotla dit\u0161haba<\/strong> &#8211; Ka tsamaiso le mekgwa, di farologane jaaka dit\u0161haba.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Dinama di ya pitseng ka dirwe<\/strong> &#8211; Mafoko a tsena go bareetsi sentle fa a simololwa ke ba ba itseng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Nare tsa Gabane, tshwana puleng di a raga<\/strong> &#8211; Makgarebe a a sa dumeleng go busiwa ke makolwane.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Dinku ga di ke di mutlhwa di le pedi<\/strong> &#8211; Go thata go dira sentle ditiro tse pedi gongwe tse dintsi ka nako e le nngwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Dinthe ga di ke di bajwa di le pedi, longwe lo a tle lo \u0161e &#8211; <\/strong>Go thata go dira sentle ditiro tse pedi gongwe go feta foo ka nako e le nngwe fela.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Diphala tse re kileng ra ne re di letsa<\/strong> &#8211; Makgethe a re neng re tle re a dire. Go buiwa jaana fa go gopolwa metlheng ya pele.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Diphologolo di atlenegela batsomana<\/strong> &#8211; Diphologolo di bonagala thata fa di tsongwa ke banna ba ba sa itseng go tsoma sentle.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Thoto ga di tswe basading, di tswa banneng<\/strong> &#8211; Monna yo o timanang o ruta mosadi wa gagwe bohula.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ditlamelo tsa pula di baakanngwa gale<\/strong> &#8211; Nna o ntse o ipaakantse.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ditsebe di ya moletlo di sa o lalediwa<\/strong> &#8211; Ditsebe di utlwa le se di sa tshwanelang go se reetsa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ditsebe &#8216;pedi, fela ga di utlwele gongwe<\/strong> &#8211; Batho ga ba utlwele gongwe. Ba ka utlwa motho a bua mme ba mo utlwa ka go sa tshwaneng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E a re e bona mong e re &#8220;mmuu!&#8221;<\/strong> &#8211; Motho ga a gakwe ke kgomo e le ya gagwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E a re go e latswa bobe, e tloge e e ntshe bololo<\/strong> &#8211; Go direla, go rata, go boka mo go feteletseng, go a senya.<\/li>\n\n\n\n<li>E<strong> a re go longwa ke sefifadu, e re o bona pilo o sie &#8211; <\/strong>Motho yo o goletseng mathateng, le fa go le bonolo o fitlhela go le mokong.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E a re go robala bo le bollo, e re bo osa bo bo bo le maruru (bogobe)<\/strong> &#8211; Fa sengwe se go gakaditse, tsamaya o ye go robala o se akanye.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E a re go tshaba e e dumang, wa tshabela go e letseng<\/strong> &#8211; E ka re o tshabela bogale gongwe, wa ya go fitlha kwa go bo bo feteletseng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E a re go umaka &#8216;itlho, &#8216;itlho a itshose<\/strong> &#8211; Motho yo o molato gantsi o itshoga ditlhabela-tshosiwa ke go umkwa mabapi le molato.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E a re ke tlaa ja ka mogopo o tletse motho a re jalo (rialo) &#8211; <\/strong>Ke itumela fa go ntse jalo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E a re mo mpeng e bolokegile<\/strong> &#8211; Go tewa kgomo; lebitla la kgomo ke molomo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ee&#8221; ya monna ke &#8220;ee&#8221;, ya mosadi ke yone &#8220;nnyaa&#8221;<\/strong> &#8211; Mosadi, e seng monna, a ka nna a fetogela se a se buileng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E re go bulela o letseng, e re o tswa o mmulele<\/strong> &#8211; Busetsa dilo kwa o di tsereng teng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E re le go tlhabetse, o le aramele<\/strong> &#8211; Go tewa letsatsi la mariga le tleng le tloge le iphitlhe ka maru; fa o bone letshego, o le dirise.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E re o tlhalefela ngaka, le bolwetse o bo tlhalefele<\/strong> &#8211; Kganela bolwetse ka molemo bo ise bo go tsene; fa o sa batle go tsiediwa ke dingaka, o se ka wa lwalalwala fela go sa twe sepe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E re phala e le khibidu gale, le wena o e tlotse ka letsoku<\/strong> &#8211; Go isetsa pele; go isa khumo khumong; go ngoporola bohumaneging.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E se nang ngwana, e ikisa mogobeng<\/strong> &#8211; Go tewa tlou: Motho yo o se nang ngwana wa go rongwa, o itirela dilo ka boene.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>E tlaa re re tlaa re ke dipitse, ra di bona ka mebala &#8211; <\/strong>Ke tlaa dumela ke bone.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga a nyala mosadi, o nyetse monna<\/strong> &#8211; Go tewa mosadi wa senatla mo ditirong le mo go rateng go naya ditaelo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga a a wa, o ribame ka mpa ya sebete &#8211; <\/strong>O humanegile mo a se ka keng a tlhola a huma gape.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga ba lekane, ba kgaoletswe<\/strong> &#8211; Ba tshwana jaaka mafatlha ba bile ba a lekana.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga di ke di etelelwa ke manamagadi pele, di a tle di wele ka selemo<\/strong> &#8211; Banna ke boetapele ka tlholego &#8211; go tewa dikgomo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga e botlha, e tswa moding<\/strong> &#8211; Ga a tsaya fa fatshe, o gotsitse bagolo ba gagwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga e gate lore lo kgopo<\/strong> &#8211; Go tewa pula: Ga e nele lefela, fa e sa medise dijalo, e talafatsa le naga.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga e ke e bola e na le mosomelwa &#8211; <\/strong>Fa e tlhoka baji, nama ya kgomo e abelwa batho.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga e ke e gangwa ka mogogorwane namane e le fa<\/strong> &#8211; Go tewa kgomo; mogogorwane ke namane ya maitirelo e e dirwang ka letlalo le tladitswe bojang. Motho ga a ke a buelelwa a ntse le gone.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga go jelelanwe go se &#8216;tsholong<\/strong> &#8211; Kwa letsholong banna ba ja mmogo, kwa magaeng, go fa ke go ipeela.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga a montle matlho, o montle pelo<\/strong> &#8211; Mosadi a ka tlhoka bontle jwa sefatlhego mme a filwe pelo e tshwaana kgotsa e ntle.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga a na phokojwe wa morakaganngwa-nae<\/strong> &#8211; Ke fa go sena motho yo a ka lekanngwang nae ka mokgwa, e ka nna o montle kgotsa o maswe &#8211; a gaisa batho botho botlhe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga e se pitsa-tlhatlelwa-pele, ke pitsa beselediwang &#8211; <\/strong>Mo kgaratlhong ya botshelo selo se segolo ke se motho a fetogang sone a ntse a gola e seng se a leng sone kwa tshimologong.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ga twe tshoswane e kile ya roma tlou<\/strong> &#8211; Mogolo a ka nna a dirisa kgakololo ya yo mmotlana.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Go ja ga go diye, go diya go dira<\/strong> &#8211; Le fa e bile go itlhaganetswe jang, nako ya go ja e tshwanetse ya nna teng. <\/li>\n\n\n\n<li><strong>Go lela, go tshitsha pelo<\/strong> &#8211; Go lelela ka fa teng mo go supiwang ke pelo e e nnang e hehesela.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Go lemala ga namane ke go lala le mmaayone <\/strong>&#8211; Temalo e tsala tsala mokgwa. Go tlwaela selo go tlhola mokgwa o o rileng mo mothong.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Go lepa, go a diya<\/strong> &#8211; Kganela bosula kwa tshimologong e seng bo setse bo etegetse thata.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Go leswa bo tshologileng, go somarelwa bo seatleng<\/strong> &#8211; Go tewa bogobe. Tlhokomela go somarela se o nang naso, o se se latlhe ka ntlha ya tsholofetso.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Go loma tsebe ga se go tsitsina<\/strong> &#8211; Motho o tlhagiswa ka go newa ntlha ya mafoko a tshebo fela.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Go se nang kgomo ga go na lehumo<\/strong> &#8211; Lehuma le legolo go fetisa a mangwe ke la motho a humile dikgomo mme a tlhoka se se rekwang ka kgomo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Go swa motho, go sale motho<\/strong> &#8211; Jaaka go fitlhwa moswi, ka yone nako eo ngwana o a tsalwa golo gongwe. Le mongwe yo o swang maemo le ditiro tsa gagwe mo lefatsheng di tsewa ke yo mongwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Katumetsa e tlosa bokgwafo<\/strong> &#8211; Motho yo o go tlwaelang, e a re kwa morago a go nyatse.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>&#8220;Ke reka&#8217;ng&#8221; e reka matlotla<\/strong> &#8211; Motho yo o sa tlwaelang go reka ka madi a gagwe e a re a re o a reka a iphitlhele a reka selo se se se nang mosola.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ke se go time wa ntebala, ka go fa wa ntlakatlakela<\/strong> &#8211; Bahumanegi bangwe ba lebala Modimo, le bahumi ba bangwe ba a o itebatsa mo go ragarageng ga bone.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>&#8220;Ke utlwile&#8221; ga e tshwane le &#8220;ke bonye ka matlho&#8221;<\/strong> &#8211; Bosupi bo bo siameng ke ba yo o boneng ka matlho. (corrected spelling)<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Kago ya mmu e tshwara magakgala<\/strong> &#8211; Magakgala &#8211; Dikala tsa setlhare: Go nna maswe go ya pele. Go dubegile.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Kgatlhantshang makgatlha a le gole, a atamela boatla bo a tsena<\/strong> &#8211; A dikgatlha matlho di ediwe ka bonya go nne go di itlhaganelela go tlisa boatla.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Kgetse e idiwa e na le sengwe, e se nang sepe ga e idiwe<\/strong> &#8211; Go somarelwa se se nang le thuso, se se se nang thuso ga se kgathalelwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Kgomo e a tle e bapalwe, motho ene ga a bapalwe<\/strong> &#8211; Motho ga a rekwe e se kgomo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Kgomo e tshwarwa ka dinaka, motho o tshwarwa ka mafoko<\/strong> &#8211; Mmalabadi o ipofa ka se a se buileng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Kgomo ga e ke e nnyela boloko botlhe <\/strong>&#8211; Se bolele mafoko otlhe, se neye batho dikgang tsotlhe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Kgori e bona lee, lorapo ga e lo bone <\/strong>&#8211; Motho ga a farologanye dilo tse di sa tshwaneng gongwe o bona fela molemo, bosula ga a bo bone.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Kgosi e tsala diphera<\/strong> &#8211; Ditlatla, masilo, diganka, basiami, botlhe ke bana ba kgosi.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Kgosing kgotsa ga kgosi ga go elwe<\/strong> &#8211; Go botoka go ya go ipuelela kwa kgosing go na le go roma ba bangwe go go buelela.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Kgosi thothobolo, e olelwa matlakala ( e thelwa ka malele)<\/strong> -Batho ba kgosi ke mefutafuta ya batho.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Khudutlou e robetse, bolobethe ba ipha naga<\/strong> &#8211; Katse ga e yo, dipeba di a tshameka &#8211; E a re moetapele a se yo, babotlana ba sale ba itirela fela.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Khudu e tshela ka lereme <\/strong>&#8211; Lereme bojang bo bo talana: Motho le ene a ka nna a tshela sentle fela ka bosesane jo a bo bonang.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Khudu e tswa logapeng <\/strong>&#8211; Motho o ntsha sephiri se a neng a se fitlhile.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Khudu ya mariga e itsiwe ke mmei <\/strong>&#8211; Mmei wa selo ke ene a itseng fa se teng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Khumo le lehuma di lala mmogo<\/strong> &#8211; Mohumi a ka humanega le mohumanegi a huma, ka ponyo ya leitlho.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Khumo matlhare, e a tlhotlhorega<\/strong> &#8211; Khumo e a fela, jaaka matlhare a tlhotlhorega mo setlhareng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Khupamarama, ke tlaa swa nayo<\/strong> &#8211; Mong wa sephiri kgotsa yo o sebetsweng o swa ka sone.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lebelo la fela, thota e sale<\/strong> &#8211; Nonofo ya motho e a fela, ditiro di nne di mo emele.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lebitla la kgomo ke molomo<\/strong> &#8211; Nama ya kgomo ga e latlhwe le fa e bile e senyegile jang.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lefifing go gangwa e e lelang<\/strong> &#8211; Yo o bofefo go intsha setlhabelo; ke ene a rongwang mathateng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lefoko la maabanyane ga le tlhabe kgomo<\/strong> &#8211; Ga o ka ke wa isetsa motho kgosing go bo a gana go diragatsa mafoko a tsholofetso e e dirilweng kwa maitisong a maabanyane. Se se solofeditsweng maabane kgotsa maloma, mong wa ditsholofetso a ka tlhanoga.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Legaagaa le motlha mongwe fela<\/strong> &#8211; Malatsi a boitumelo le tlhapedi a akofa a fele.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lehura la mmotlana, boroko <\/strong>&#8211; Boroko ke selo se se ratwang ke bana botlhe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Loleme lwa basadi lo lotlhanya metse <\/strong>&#8211; Banna ba ba reetsang ditshebo tsa basadi ba fela ba sa utlwane.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Loleme lo digela mmele<\/strong> &#8211; Gantsi sebalabadi ga se na marapo a go lwa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lelwapa la mhi, le nnwa fela le a se yo<\/strong> &#8211; Go phuthegelwa kwa dijo di tleng di bonwe teng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lemena la ka-se-bolae-pele, re tle re bone meabo ya ba bangwe<\/strong> &#8211; Se simolole ka go abela ba bangwe, o ise o bone jaaka ba go abela.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lenao ga le dupelele<\/strong> &#8211; Dinao di go isa gongwe le gongwe kwa o ratang, ga le itse se se diragalang kwa pele.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lenao ke mosimane wa molotsana<\/strong> &#8211; Motho fa a tshaba a ka ya go tshwarwa kgakala.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lentswe (lefoko) ga le boe, go boa monwana<\/strong> &#8211; Mafoko ga a lebalege, go lebalega go supiwa ka monwana.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lentswe (lefoko) le pelong, ga le tshetse<\/strong> &#8211; Mafoko a motho a a tshwereng ka pelo a tlhorontsha.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lesopeng go a boelwa, go sa boelweng ke maleng<\/strong> &#8211; Go a dumelesega gore motho a boele kwa a neng a hudugile teng, mme popelong gone ga go boelwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lesotse la makopo, ga le na kgodu<\/strong> &#8211; Sejo se motho a se filweng, ga se na boabelano.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Letlaatlaa le motlha mongwe fela<\/strong> &#8211; Malatsi a boitumelo le tlhapedi a akofa a fete.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Letlametlwana ga le itse go bopa le nnetswe<\/strong> &#8211; Motho ga a ka ke a go bopela o mo reeditse, fa ese o se yo fela. Gantsi motho ga a ke a kgona go phuthologa ka tlhagiso ya maikutlo fa batho ba a sa ba tlwaelang ba mo lebile.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Letlhaku le le\u0161wa le agelwa mo go le le gologolo <\/strong>&#8211; Sengwe le sengwe se tlhabololelwa mo go sa bogologolo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Letlhotlho-legolo le tsosa diletseng<\/strong> &#8211; Puo e ntsha le go tsosolosa dikgang tse di lebetsweng.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Letsholo le a re go nna melelekelo mebe, le tle le iphetololele<\/strong> &#8211; Ga le siame le sa bakanngwa sentle.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Letsholo go ditewa le le fa <\/strong>&#8211; Lebaka le le bonolo, le bolawa ke merwalo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lo re go bona di ja maaparankwe, dikgosana lo itlhoboge <\/strong>&#8211; Se se jang dikgosi dikgolo, le dikgosana se a di ja.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Loso-logolo ke ditshego<\/strong> &#8211; Go tshegwa botlhokong le losong kgotsa go sa itumelwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mabele kgamana<\/strong> &#8211; Jaaka kgamana, mabele a sa le mannye ga a babalelwe ke letsatsi.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mabele thabisa digogo<\/strong> &#8211; Bojalwa ke seno se se itumedisang dikhutsana.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mafura a ratwa gotlhe<\/strong> &#8211; Bontle le khumo di ratwa gotlhe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mahube a &#8216;naka tsa kgomo<\/strong> &#8211; Maphakela a letobo fa letsatsi le tla go hula.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Maipelo ga a mangwe<\/strong> &#8211; Boitumelo bo supiwa ka methale e mentsi.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Majapolaelo, maatamela di sutsa<\/strong> &#8211; Mofokodi yo o sa itseng go itirela, yo o thatafalang fela fa dipitsa di setse di budule, gotlhe go siame.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Malatsi a ratisa go ja otlhe<\/strong> &#8211; Dijo di batlwa ka metlha yotlhe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Malebadi loso, a tshwana le &#8220;ke gakilwe&#8221;<\/strong> &#8211; Fa o lebetse gongwe o gakilwe ke sengwe ga go bonolo go gakologelwa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mangana lotso loo-phage<\/strong> &#8211; Ba ba mangana ke ba losika lwa dikatse tsa naga. Go tewa batho ba tshwana ka dipopego jaaka bana ba motho, kgotsa ka mekgwa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Maokaneng go tsenelwa gotlhe<\/strong> &#8211; Kwa botshelo bo teng mongwe le mongwe o a ya.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Maoto a nong, ke phofa<\/strong> &#8211; Lenong le siana ka bofefo fela jaaka lefofa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Marope a bonakedi<\/strong> &#8211; Matlotla fela.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Marota a a sirasirana <\/strong>&#8211; Dingaka di fetafetana ka go boifega ga tsone; batho ga ba tshwane ka gotlhegotlhe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Maru a se nang tladi malematsa<\/strong> &#8211; Pula e e nang kwa ntle ga magadima le ditladi e a tlwaelega, e ratege.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Maru ga e se pula, mosi ke one molelo<\/strong> &#8211; Go ema sentle ga maru ga go bolele pula, mme mosi ga o kuelele go sena molelo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Masepa a nt\u0161a, a dujwa a sa le metsi<\/strong> &#8211; Ngwana o rutiwa mekgwa e e siameng a sa ntse a le monnye.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Masigo a sa neng pula, malebatsi <\/strong>&#8211; Go tshelela boitumelo go tlwaelesega mo e reng mogang go tlang kultobotlhoko go hutsafalwe go fetisa selekanyo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Matlametlwana a jelwe ke disedi<\/strong> &#8211; Se se beilweng se nyeletse ka &#8220;ga re itse&#8221;.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Matlhapenyana a baratani, a tlhanoganela nageng <\/strong>&#8211; Lerato le le tsentshang ga le ke le ya kgakala.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Matlho dialana, ga a je sa ga ope<\/strong> &#8211; Matlho a leba fela, ga a tseye sepe sa ga ope.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Matlho ga a kgore<\/strong> &#8211; Matlho ga a lape go leba.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Matlho ga a lebele gongwe<\/strong> &#8211; Batho ga ba bone ka go tshwana.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Matlho mabonani, ga e se matlhokani<\/strong> &#8211; Ba ba kileng ba bonana, ba tle ba boe ba kopane.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Matlogo a kgosi, kgetse ya sebilo<\/strong> &#8211; Fa go kileng ga nna kgosi, go sala go kgorwa kgotsa go itumelwa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mayo le maboo ga a itsiwe<\/strong> &#8211; Go ya kae le kae le go boela kwa a tswang teng ga go mo thateng ya motho ka esi.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mebala e a bolaya<\/strong> &#8211; Mekgabo le dilwana tse ba se ka keng ba di kgona go humanegisa bontsi.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Menwana e meleele e direla thateng<\/strong> &#8211; Boleele bo sita go dira ka pele.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Merogolwana ya &#8216;tsatsing e kgonwa ke go lela e lebaganye<\/strong> &#8211; Basekisani ba tshwanetse go kopanngwa ba bua ba lebaganye.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Metlhala ya khumo mentsi, mengwe e tlhokile balati<\/strong> &#8211; Ditsela tsa papadi di dintsi mo tse dingwe e bileng di sa dirisiwe ke ope.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mhula o na le waabo<\/strong> &#8211; Motho ga a ke tshola batho botlhe ka mowa wa bosula, go a tle go nne le ba a nala le pelo mo go bone.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mmaya-se, ke moja se!<\/strong> &#8211; Yo o ipeelang a gopola ka moso, o tlaa ja fa ba bangwe ba tlhoka.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mmelegi koma, o a rekwa<\/strong> &#8211; Motho yo a go direlang gongwe a go belegelang ngwana o tshwanelwa ke tlotlo le tebogo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mmutla o kgoro-pedi<\/strong> &#8211; Motho yo a se keng a bonwa fa a senkwa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Moalola o sianang, le ene o tle a bo a siane<\/strong> &#8211; Moalodi o digwa ke setshwe fela jaaka yo a mo lelekileng. Motho yo o sianisang yo mongwe le ene o a tle o fekeetswe ke letsapa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Moamoga tshwene lerutla, o e lebatsa ka mogwang<\/strong> &#8211; Yo o tsayang sengwe mo mothong gongwe ngwaneng, o se emisetsa ka se sengwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Modirwa ga a lebale, go lebala modiri<\/strong> &#8211; Moutlwisa ba bangwe botlhoko o a lebala, babogi bone ga ba lebale.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Modumela tlhajwe, ke yo o sa e tlhajweng<\/strong> &#8211; Motho o bonolo go dumela mafoko a tshenyo e e sa mo ameng mme e e amang yo mongwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Moennyana o pele, lobone lwaabo<\/strong> &#8211; Yo o gorogang pele tulong, o tle a nne moamogedi wa ba gaabo ba ba latelang.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mogana-motho o a bo a mo rola Modimo<\/strong> &#8211; Kgarebe e e ganang lekolwane e a bo e le falosa mo matshwenyegong a a neng a tlaa mo tlhagela kwa morago.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mojapele o tshwana le mojamorago<\/strong> &#8211; Boitumelo ba ntlha bo tshwana fela le ba bobedi gongwe ba boraro.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mokgatha-thite, ga se mhodi<\/strong> &#8211; Motho yo o dirang tiro lwantlha e bile a dira ka thata, gantsi ga a ke a bona dikuno.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Molala ga a kgore<\/strong> &#8211; Motlhanka kgotsa motho yo o sa itsholelang ga a ke a busa dithuso, o amogela fela.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Molao o tswa ntlokgolo, o ye ntlwaneng<\/strong> &#8211; Molao o o bewang ke kgosi o phatlaladiwa ke kgosana.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Moledi ga a reediwe<\/strong> &#8211; Mafoko a motho yo o buang a tla a lela ka ntlha ya botlhoko jo bo galakang pelo, ga a tsewe tsiya.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Molelo o fisa baoori<\/strong> &#8211; Motho o jela monate golo, aa bo a jele botlhoko teng. Botlhoko jwa motho bo utlwiwa ke ene fela.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Molelo wa Modimo ga o tingwe<\/strong> &#8211; Thato ya Modimo ga e ka ke ya senngwa ke sepe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Moloi ga a na mmala<\/strong> &#8211; Ga go na matshwao a a farologanyang batho gore a ba siame kana nyaa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Monna o nkgang, o nkga le ditsa-gagwe<\/strong> &#8211; Fa o tlhoile motho, o ile le dilo tsotlhe tsa gagwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Monna thekelele theko ya marumo, e a re a re &#8220;thee!&#8221;, a bo a ile<\/strong> &#8211; Mosadi o tshwanetse go tlhokomela lerato la monna wa gagwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mootla-mokoduane, ga se moja sebete<\/strong> &#8211; Motho yo o tlamelang selo gantsi ga a se sole mosola.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mopalama-tshwene, ga a lebale go wa <\/strong>&#8211; Motho fa a dira tiro e e bosisi, e a re a e dira a gopole gore a ka tlhagelwa ke kotsi.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Morakana-moswa, ga o lapise &#8211; <\/strong>Pelo e tlhokomela selo se seshago feta se segologolo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>More go tsena wa legare<\/strong> &#8211; Setlhare se tsena mading fa go itlhabiwa ka sone; molao go obamelwa o o botlhoko.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Moroka o sita ka leru<\/strong> &#8211; Modira pula o dumelwa go bonwa maru a palame.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Pelo boela mannong mmatla sa gaabo o se bone<\/strong> &#8211; Ke puo ya motho a tlhatswegile pelo a itumelela se a se amogelang.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Pelo e ganelela kwa monwana o supileng teng <\/strong>&#8211; Motho o latela se pelo e se mmolelelang.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Phofu ya kganela, ke ya kgosi<\/strong> &#8211; Fa batho ba ipalela sengwe boobabedi mme go se bosupi jo bo tlhamaletseng gore ke sa ga mang, se tle se gapiwe ke kgosi go fedisa tsheko.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Poo go bewa ya kgomo ya motho e a ipaya<\/strong> &#8211; Motho mongwe le mongwe o itlhophela tsela ya gagwe ya botshelo.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Setopo re supa nakedi, magogwe re mmega a sule<\/strong> &#8211; Legodu ke le le tshwerweng. Selo re se kaya re se supa le go se bona ka matlho.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Sokobe o meipoko-mebe o a tle a iphatlhe ka lohuka<\/strong> &#8211; Motho yo o dirang dilo boatleng, o a tle a itsenye mo mathateng ka ntlha ya ditiro kgotsa dipuo tsa gagwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Silo le kgomo ga le tlhaleswe<\/strong> &#8211; Yo o ikanelang gore ga a nke a kopa thuso mo go radikgomo o a itatlha.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Tau e iphutha metlhala ele yosi, e na le malawana, mafaratlhatlha<\/strong> &#8211; Motho ga a kgone go ganelela bana ba gagwe ka a sa tsamaye gongwe le gongwe le bone.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Tedutshweu ga se botsofe<\/strong> &#8211; Go sweufala ga moriri le ditedu tsa monna ga go kae go tsofala.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Tsela kgopo ga e latse nageng<\/strong> &#8211; Tsela ya modikolosa mme e e gorosang gae, e gaisa e khutshwane e e tletseng diphatsa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Tshwene e a re go bona pilo e tshabe<\/strong> &#8211; E a re selo se se maswe se go diragaletse gangwe, e re fa o bona se se tshwanang le sone o babe lobadi kgotsa o tsogelwe ke maikutlo a seng mantle mme o tsamaele kgakala le sone.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Tshwene ga e ipone makopo<\/strong> &#8211; Ga go bonolo gore motho a itse phokolo le melato ya gagwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Tshwene ga e ipone mariba<\/strong> &#8211; Ga go bonolo gore motho a itse phokolo le melato ya gagwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Tshwene e a re go swa, e re e bona pilo e sie<\/strong> &#8211; Ithute sengwe ka se se setseng se go diragaletse.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Ya lesilo ga e tshwarwe gabedi<\/strong> &#8211; Fa nkile wa utlwa botlhoko gangwe ga o kitla o buseletsa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Dilo di bolaya ka lobeko<\/strong> &#8211; Dilo di tsietsa batho ka go di nyatsa<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Lefufa ga le ke le bola &#8211; <\/strong>Mowa wa tlhokakutlwano le mona ga o ke o nyelela fela o sa siamisiwa.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Go bisa go itse go a lomeletsa<\/strong> &#8211; E a re fa gongwe motho a fetwe ke dilo ka ntlha ya go sa itse ka tsone.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Naga ga e beye<\/strong> &#8211; E a re selo o se bone kwa lefelong la botlhe, e re o se boela wa fitlhela se tshotswe ke yo mongwe.<\/li>\n\n\n\n<li><strong>Mopalami tshwene, ga lebale go wa<\/strong> &#8211; O se ka wa tlhomamisa gore ga o kake wa dira diphoso.<\/li>\n<\/ul>\n","protected":false},"excerpt":{"rendered":"","protected":false},"author":243,"featured_media":0,"comment_status":"open","ping_status":"open","sticky":false,"template":"","format":"standard","meta":{"_jetpack_newsletter_access":"","_jetpack_dont_email_post_to_subs":false,"_jetpack_newsletter_tier_id":0,"_jetpack_memberships_contains_paywalled_content":false,"_jetpack_feature_clip_id":0,"_jetpack_memberships_contains_paid_content":false,"footnotes":"","jetpack_publicize_message":"","jetpack_publicize_feature_enabled":true,"jetpack_social_post_already_shared":true,"jetpack_social_options":{"image_generator_settings":{"template":"highway","default_image_id":0,"font":"","enabled":false},"version":2},"jetpack_post_was_ever_published":false},"categories":[1526],"tags":[1778,1637],"class_list":["post-3497","post","type-post","status-publish","format-standard","hentry","category-diane-le-ditlhaloso","tag-diane-tsa-setswana","tag-ditlhagiso"],"yoast_head":"<!-- This site is optimized with the Yoast SEO plugin v28.4 - https:\/\/yoast.com\/product\/yoast-seo-wordpress\/ -->\n<title>Diane ka ga ditlhagiso - iAfrika - Setswana<\/title>\n<meta name=\"robots\" content=\"index, follow, max-snippet:-1, max-image-preview:large, max-video-preview:-1\" \/>\n<link rel=\"canonical\" href=\"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/\" \/>\n<meta property=\"og:locale\" content=\"en_US\" \/>\n<meta property=\"og:type\" content=\"article\" \/>\n<meta property=\"og:title\" content=\"Diane ka ga ditlhagiso - iAfrika - Setswana\" \/>\n<meta property=\"og:url\" content=\"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/\" \/>\n<meta property=\"og:site_name\" content=\"iAfrika - Setswana\" \/>\n<meta property=\"article:published_time\" content=\"2023-10-06T15:30:29+00:00\" \/>\n<meta property=\"article:modified_time\" content=\"2024-07-03T11:15:02+00:00\" \/>\n<meta name=\"author\" content=\"iAfrika\" \/>\n<meta name=\"twitter:card\" content=\"summary_large_image\" \/>\n<meta name=\"twitter:label1\" content=\"Written by\" \/>\n\t<meta name=\"twitter:data1\" content=\"iAfrika\" \/>\n\t<meta name=\"twitter:label2\" content=\"Est. reading time\" \/>\n\t<meta name=\"twitter:data2\" content=\"19 minutes\" \/>\n<script type=\"application\/ld+json\" class=\"yoast-schema-graph\">{\"@context\":\"https:\\\/\\\/schema.org\",\"@graph\":[{\"@type\":\"Article\",\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/diane-ka-ga-ditlhagiso\\\/#article\",\"isPartOf\":{\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/diane-ka-ga-ditlhagiso\\\/\"},\"author\":{\"name\":\"iAfrika\",\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/#\\\/schema\\\/person\\\/a87200ce8265760baea5f53d25c955bc\"},\"headline\":\"Diane ka ga ditlhagiso\",\"datePublished\":\"2023-10-06T15:30:29+00:00\",\"dateModified\":\"2024-07-03T11:15:02+00:00\",\"mainEntityOfPage\":{\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/diane-ka-ga-ditlhagiso\\\/\"},\"wordCount\":3877,\"commentCount\":2,\"publisher\":{\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/#organization\"},\"keywords\":[\"Diane tsa Setswana\",\"Ditlhagiso\"],\"articleSection\":[\"Diane le ditlhaloso\"],\"inLanguage\":\"en-ZA\",\"potentialAction\":[{\"@type\":\"CommentAction\",\"name\":\"Comment\",\"target\":[\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/diane-ka-ga-ditlhagiso\\\/#respond\"]}]},{\"@type\":\"WebPage\",\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/diane-ka-ga-ditlhagiso\\\/\",\"url\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/diane-ka-ga-ditlhagiso\\\/\",\"name\":\"Diane ka ga ditlhagiso - iAfrika - Setswana\",\"isPartOf\":{\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/#website\"},\"datePublished\":\"2023-10-06T15:30:29+00:00\",\"dateModified\":\"2024-07-03T11:15:02+00:00\",\"breadcrumb\":{\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/diane-ka-ga-ditlhagiso\\\/#breadcrumb\"},\"inLanguage\":\"en-ZA\",\"potentialAction\":[{\"@type\":\"ReadAction\",\"target\":[\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/diane-ka-ga-ditlhagiso\\\/\"]}]},{\"@type\":\"BreadcrumbList\",\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/diane-ka-ga-ditlhagiso\\\/#breadcrumb\",\"itemListElement\":[{\"@type\":\"ListItem\",\"position\":1,\"name\":\"Home\",\"item\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/\"},{\"@type\":\"ListItem\",\"position\":2,\"name\":\"Diane ka ga ditlhagiso\"}]},{\"@type\":\"WebSite\",\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/#website\",\"url\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/\",\"name\":\"iAfrika - Setswana\",\"description\":\"Tlhaloso ya Ditoro, Maele le diane, Dipoko tsa losika le difane\",\"publisher\":{\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/#organization\"},\"potentialAction\":[{\"@type\":\"SearchAction\",\"target\":{\"@type\":\"EntryPoint\",\"urlTemplate\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/?s={search_term_string}\"},\"query-input\":{\"@type\":\"PropertyValueSpecification\",\"valueRequired\":true,\"valueName\":\"search_term_string\"}}],\"inLanguage\":\"en-ZA\"},{\"@type\":\"Organization\",\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/#organization\",\"name\":\"iAfrika - Setswana\",\"url\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/\",\"logo\":{\"@type\":\"ImageObject\",\"inLanguage\":\"en-ZA\",\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/#\\\/schema\\\/logo\\\/image\\\/\",\"url\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/wp-content\\\/uploads\\\/sites\\\/4\\\/2022\\\/02\\\/Fullform_Logo_Primary.png\",\"contentUrl\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/wp-content\\\/uploads\\\/sites\\\/4\\\/2022\\\/02\\\/Fullform_Logo_Primary.png\",\"width\":800,\"height\":296,\"caption\":\"iAfrika - Setswana\"},\"image\":{\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/#\\\/schema\\\/logo\\\/image\\\/\"}},{\"@type\":\"Person\",\"@id\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/#\\\/schema\\\/person\\\/a87200ce8265760baea5f53d25c955bc\",\"name\":\"iAfrika\",\"image\":{\"@type\":\"ImageObject\",\"inLanguage\":\"en-ZA\",\"@id\":\"https:\\\/\\\/secure.gravatar.com\\\/avatar\\\/5173cb9548f19928c12463d3e33571295bd67832a8c709b0173178731e1d207a?s=96&d=mm&r=g\",\"url\":\"https:\\\/\\\/secure.gravatar.com\\\/avatar\\\/5173cb9548f19928c12463d3e33571295bd67832a8c709b0173178731e1d207a?s=96&d=mm&r=g\",\"contentUrl\":\"https:\\\/\\\/secure.gravatar.com\\\/avatar\\\/5173cb9548f19928c12463d3e33571295bd67832a8c709b0173178731e1d207a?s=96&d=mm&r=g\",\"caption\":\"iAfrika\"},\"url\":\"https:\\\/\\\/iafrika.org\\\/tn\\\/author\\\/itumeleng\\\/\"}]}<\/script>\n<!-- \/ Yoast SEO plugin. -->","yoast_head_json":{"title":"Diane ka ga ditlhagiso - iAfrika - Setswana","robots":{"index":"index","follow":"follow","max-snippet":"max-snippet:-1","max-image-preview":"max-image-preview:large","max-video-preview":"max-video-preview:-1"},"canonical":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/","og_locale":"en_US","og_type":"article","og_title":"Diane ka ga ditlhagiso - iAfrika - Setswana","og_url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/","og_site_name":"iAfrika - Setswana","article_published_time":"2023-10-06T15:30:29+00:00","article_modified_time":"2024-07-03T11:15:02+00:00","author":"iAfrika","twitter_card":"summary_large_image","twitter_misc":{"Written by":"iAfrika","Est. reading time":"19 minutes"},"schema":{"@context":"https:\/\/schema.org","@graph":[{"@type":"Article","@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/#article","isPartOf":{"@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/"},"author":{"name":"iAfrika","@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/#\/schema\/person\/a87200ce8265760baea5f53d25c955bc"},"headline":"Diane ka ga ditlhagiso","datePublished":"2023-10-06T15:30:29+00:00","dateModified":"2024-07-03T11:15:02+00:00","mainEntityOfPage":{"@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/"},"wordCount":3877,"commentCount":2,"publisher":{"@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/#organization"},"keywords":["Diane tsa Setswana","Ditlhagiso"],"articleSection":["Diane le ditlhaloso"],"inLanguage":"en-ZA","potentialAction":[{"@type":"CommentAction","name":"Comment","target":["https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/#respond"]}]},{"@type":"WebPage","@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/","url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/","name":"Diane ka ga ditlhagiso - iAfrika - Setswana","isPartOf":{"@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/#website"},"datePublished":"2023-10-06T15:30:29+00:00","dateModified":"2024-07-03T11:15:02+00:00","breadcrumb":{"@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/#breadcrumb"},"inLanguage":"en-ZA","potentialAction":[{"@type":"ReadAction","target":["https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/"]}]},{"@type":"BreadcrumbList","@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-ditlhagiso\/#breadcrumb","itemListElement":[{"@type":"ListItem","position":1,"name":"Home","item":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/"},{"@type":"ListItem","position":2,"name":"Diane ka ga ditlhagiso"}]},{"@type":"WebSite","@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/#website","url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/","name":"iAfrika - Setswana","description":"Tlhaloso ya Ditoro, Maele le diane, Dipoko tsa losika le difane","publisher":{"@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/#organization"},"potentialAction":[{"@type":"SearchAction","target":{"@type":"EntryPoint","urlTemplate":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/?s={search_term_string}"},"query-input":{"@type":"PropertyValueSpecification","valueRequired":true,"valueName":"search_term_string"}}],"inLanguage":"en-ZA"},{"@type":"Organization","@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/#organization","name":"iAfrika - Setswana","url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/","logo":{"@type":"ImageObject","inLanguage":"en-ZA","@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/#\/schema\/logo\/image\/","url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-content\/uploads\/sites\/4\/2022\/02\/Fullform_Logo_Primary.png","contentUrl":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-content\/uploads\/sites\/4\/2022\/02\/Fullform_Logo_Primary.png","width":800,"height":296,"caption":"iAfrika - Setswana"},"image":{"@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/#\/schema\/logo\/image\/"}},{"@type":"Person","@id":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/#\/schema\/person\/a87200ce8265760baea5f53d25c955bc","name":"iAfrika","image":{"@type":"ImageObject","inLanguage":"en-ZA","@id":"https:\/\/secure.gravatar.com\/avatar\/5173cb9548f19928c12463d3e33571295bd67832a8c709b0173178731e1d207a?s=96&d=mm&r=g","url":"https:\/\/secure.gravatar.com\/avatar\/5173cb9548f19928c12463d3e33571295bd67832a8c709b0173178731e1d207a?s=96&d=mm&r=g","contentUrl":"https:\/\/secure.gravatar.com\/avatar\/5173cb9548f19928c12463d3e33571295bd67832a8c709b0173178731e1d207a?s=96&d=mm&r=g","caption":"iAfrika"},"url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/author\/itumeleng\/"}]}},"jetpack_publicize_connections":[],"jetpack-related-posts":[{"id":3469,"url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-go-felela-ke-tsholofelo\/","url_meta":{"origin":3497,"position":0},"title":"Diane ka ga go felela ke tsholofelo","author":"iAfrika","date":"6 October 2023","format":false,"excerpt":"Boremo jwa mogoma ga bo na botlhobogo - Boleme ba mogoma ga bo na botlhobogo. Fa mogoma o fetileng gone ka gale go nna go solofetswe gore sejalo se tlhoge, ga go ke go tlhobogwa. Goleele ke kwa marung - Ga gona gope kwa go kgakala kwa motho a ka\u2026","rel":"","context":"In &quot;Diane le ditlhaloso&quot;","block_context":{"text":"Diane le ditlhaloso","link":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/category\/diane-le-ditlhaloso\/"},"img":{"alt_text":"","src":"","width":0,"height":0},"classes":[]},{"id":3426,"url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-go-dira-se-se-siameng-le-se-se-tshwanetseng\/","url_meta":{"origin":3497,"position":1},"title":"Diane ka go dira se se siameng le se se tshwanetseng","author":"iAfrika","date":"6 October 2023","format":false,"excerpt":"Bogwera bo a rulaganelwa - Motho yo o itlhokomolosang ditiro le tshwanelo tsa gagwe e a tle e re ka moso bana ba gagwe le bomonnawe ba mo dire sone selo seo. Bojang jwa pitse ke jo bo mo mpeng, jo bo mo ganong e swa e bo fupile -\u2026","rel":"","context":"In &quot;Diane le ditlhaloso&quot;","block_context":{"text":"Diane le ditlhaloso","link":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/category\/diane-le-ditlhaloso\/"},"img":{"alt_text":"","src":"","width":0,"height":0},"classes":[]},{"id":3423,"url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-botho\/","url_meta":{"origin":3497,"position":2},"title":"Diane ka ga botho","author":"iAfrika","date":"6 October 2023","format":false,"excerpt":"Ba ba ratang pako, ba jewa mabogo- Fa o rata go bokwa ka go tlhabisa mokoko leruong la gago, o tla felelwa ke dilo. Barata-motho ba kana ka bamotlhoi - Motho ga a ka ke a ilwa kgotsa a ratwa ke batho botlhe. Batho ba lemogana leetong - Ba ba\u2026","rel":"","context":"In &quot;Diane le ditlhaloso&quot;","block_context":{"text":"Diane le ditlhaloso","link":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/category\/diane-le-ditlhaloso\/"},"img":{"alt_text":"","src":"","width":0,"height":0},"classes":[]},{"id":3520,"url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-go-ikemela-2\/","url_meta":{"origin":3497,"position":3},"title":"Diane ka ga go ikemela","author":"iAfrika","date":"6 October 2023","format":false,"excerpt":"Bo kojwa fela ba ga Rampeile - Monate o o batlang sebete jaaka tsina ya dinotshe. Dinwang di a dibosana - Borathata ba thusa boeseng-mang. Batho fa ba tshwaraganetse tiro ba tshwanetse go nna sebaka sa dira. Tshika go ja tsoo-moapei - Yo o nang le diatla tsa go dira,\u2026","rel":"","context":"In &quot;Diane le ditlhaloso&quot;","block_context":{"text":"Diane le ditlhaloso","link":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/category\/diane-le-ditlhaloso\/"},"img":{"alt_text":"","src":"","width":0,"height":0},"classes":[]},{"id":3621,"url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/leboko-la-ga-kgosi-kgama-sekgoma\/","url_meta":{"origin":3497,"position":4},"title":"Leboko la ga Kgosi Kgama Sekgoma","author":"iAfrika","date":"6 November 2023","format":false,"excerpt":"Tau e sale e lala e omana le tlouE rile bo osa ya perepetsha tlouYa e thulega ya leba SeshabaneKwa maropeng a ga RramokopoleE rile e boa ya forofotsha makgabanaE tshositse Diloro a KedikilweMokalaka-Serwa o etla a shebaA re, a jaana tau ga e ka ntshware?A fa ga a ka\u2026","rel":"","context":"In &quot;Ditso tsa Merafe&quot;","block_context":{"text":"Ditso tsa Merafe","link":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/category\/ditso-tsa-merafe\/"},"img":{"alt_text":"","src":"","width":0,"height":0},"classes":[]},{"id":3483,"url":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/diane-ka-ga-boferefere\/","url_meta":{"origin":3497,"position":5},"title":"Diane ka ga boferefere","author":"iAfrika","date":"6 October 2023","format":false,"excerpt":"Ba phunyeditse Pudungwana dintsi -Ba thusitse bosula go anama. Boferefere ga se papadi, ga bo tshwane le go itlwaetswa - Go tlhoka boammaaruri ga se letshwao la tshiamo. Botsuolodi ga e se mokgwa o ga ka tweng o tlisa dipapalo. Bosigo ga bo akele ope - Ditiro tse dintsi tse\u2026","rel":"","context":"In &quot;Diane le ditlhaloso&quot;","block_context":{"text":"Diane le ditlhaloso","link":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/category\/diane-le-ditlhaloso\/"},"img":{"alt_text":"","src":"","width":0,"height":0},"classes":[]}],"jetpack_sharing_enabled":true,"jetpack_featured_media_url":"","_links":{"self":[{"href":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-json\/wp\/v2\/posts\/3497","targetHints":{"allow":["GET"]}}],"collection":[{"href":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-json\/wp\/v2\/posts"}],"about":[{"href":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-json\/wp\/v2\/types\/post"}],"author":[{"embeddable":true,"href":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-json\/wp\/v2\/users\/243"}],"replies":[{"embeddable":true,"href":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-json\/wp\/v2\/comments?post=3497"}],"version-history":[{"count":9,"href":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-json\/wp\/v2\/posts\/3497\/revisions"}],"predecessor-version":[{"id":4157,"href":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-json\/wp\/v2\/posts\/3497\/revisions\/4157"}],"wp:attachment":[{"href":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-json\/wp\/v2\/media?parent=3497"}],"wp:term":[{"taxonomy":"category","embeddable":true,"href":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-json\/wp\/v2\/categories?post=3497"},{"taxonomy":"post_tag","embeddable":true,"href":"https:\/\/iafrika.org\/tn\/wp-json\/wp\/v2\/tags?post=3497"}],"curies":[{"name":"wp","href":"https:\/\/api.w.org\/{rel}","templated":true}]}}